BOTSHELO JWA BOKERESETE
Go Rera Mmogo Kwa Tshimong e go Buiwang Dipuo Tse di Farologaneng Kwa go Yone
Gantsi batho ba reetsa molaetsa wa Bogosi fa ba o bolelelwa ka puo e ba e antseng. Gongwe leno ke lebaka la go bo Jehofa a ne a rulaganya gore ka Pentekosete wa ngwaga wa 33 Bajuda “ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe,” ba rerelwe ka puo ya bone le fa gone ba ne ba itse Sehebera kgotsa Segerika. (Dit 2:5, 8) Gompieno mo mafelong a le mantsi go buiwa dipuo tse di farologaneng mme diphuthego tse di farologanang ka puo di ka rera mo tshimong e le nngwe. Diphuthego tseno di ka dirisana mmogo jang gore baboledi ba kgone go rerela mongwe le mongwe mme ba dira jalo ka go refosana tsela e tshimo e berekwang ka yone gore ba se ka ba feleletsa ba tena batho?
Buisanang (Dia 15:22): Balebedi ba tirelo ba diphuthego ba tshwanetse go kopana gore ba buisane ka tsela e ba ka e dirisang go rerela batho botlhe. Fa e le gore tshimo ya phuthego ya puo e nngwe ga e tona, bagolwane ba phuthego eo ba ka kopa ba phuthego ya lona gore ba bolelele baboledi gore ba tlole matlo a batho ba ba buang puo e e dirisiwang ke phuthego eo. Le fa go ntse jalo, fa e le gore phuthego eo ga e kgone go wetsa tshimo ya yone yotlhe, e ka tlhopha gore go se ka ga tlolwa matlo ape mme lo e itsise fa go na le batho bangwe ba ba kgatlhegang ba ba buang puo e e dirisiwang ke phuthego eo. (od 93 ¶37) Kgotsa phuthego eo e ka kopa phuthego ya lona gore e ba thuse go batla batho mo tshimong ya lona ba ba buang puo e ba e dirisang le gore ba romelelwe diaterese tsa batho bao ba ba kgatlhegang. (km 1/13 3, lebokoso) Mme lo ele tlhoko gore ka dinako tse dingwe go ka nna le batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng mo lelapeng. Dirisa tshedimosetso e o e tsayang mo bathong ba tshimo ya lona go dumalana le melao ya naga.
Dirisanang Mmogo (Bae 4:16): Latela ditaelo tse o di newang ke molebedi wa tirelo mo phuthegong ya lona. A o ithuta Baebele le mongwe yo o buang puo e e dirisiwang ke phuthego e nngwe? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe motho yoo a ka gatela pele ka bonako fa a ithuta le motho wa phuthego e go dirisiwang puo ya gagwe kwa go yone.
Baakanyetsa (Dia 15:28; 16:1): Fa o kopana le motho yo o buang puo e nngwe mo tshimong ya lona, leka ka natla go mo rerela dikgang tse di molemo. Sengwe se se ka go thusang ke go nna le Dibaebele le dibidio tsa dipuo tse di buiwang mo tshimong ya lona mo sedirisiweng sa gago sa thekenoloji. Gape o ka dirisa app ya JW Language go ithuta go dumedisa ka dipuo tse dingwe.