LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/07 ts. 1
  • “Ga ke Kgatlhege”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ga ke Kgatlhege”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Bone go Ruta ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • O Itshwara Jang fa Batho ba sa Kgatlhege?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Bontsha Batho Gore o Amega ka Bone—Ka go Fetofetola Puisano ya Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tsela ya go Nna re Itumetse mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 1/07 ts. 1

“Ga ke Kgatlhege”

1 Eo ke tsela e e tlwaelegileng e batho ba arabelang molaetsa wa rona ka yone mo mafelong mangwe. Ke eng se se tla re thusang go tila go utlwa botlhoko fa re kopane le batho ba ba sa kgatlhegeng mo tshimong? Re ka kgona jang go dira gore batho ba kgatlhegele dikgang tse di molemo?

2 Nna o Itumetse: Go gakologelwa lebaka la go bo batho ba le bantsi ba sa kgatlhege go tla re thusa go nna re itumetse. Batho ba ba neng ba rutiwa kgopolo ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe kgotsa ba ba goletseng mo bathong ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ka tswa ba sa tseye Baebele e le mosola. Ba bangwe ba ka ne ba swabisitswe ke boitimokanyi jo ba bo boneng mo bodumeding. Mo go bangwe, go se kgatlhege ga bone go ka ne go bontsha go betwa ke pelo le go felelwa ke tsholofelo. (Baef. 2:12) Bangwe ‘ga ba tseye tsia’ ka gonne ba imetswe ke ditlhobaelo tsa botshelo.—Math. 24:37-39.

3 Le mororo bangwe ba ka tswa ba arabela ka tsela e e sa siamang, re ka kgona go nna re itumetse mo bodireding, re itse gore maiteko a rona a galaletsa Jehofa. (1 Pet. 4:11) Mo godimo ga moo, go bua ka boammaaruri, le mo go ba ba sa bo anaaneleng, go nonotsha tumelo ya rona. A re lekeng go leba batho mo tshimong jaaka Jehofa a ba leba. O ne a utlwela batho ba Ninefe botlhoko ba ba neng ba sa ‘itse pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.’ (Jona 4:11) Batho ba tshimo ya rona ba tlhoka go utlwa dikgang tse di molemo! Ka jalo, ga re a tshwanela go ineela mme re tshwanetse go batla ditsela tsa go dira gore ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele.

4 Tlotla ka Dilo Tse di ba Amang: Gongwe mo matsenong a gago o ka nna wa umaka kgang nngwe e e amang batho ba lefelo la lona o bo o kopa mong wa ntlo go tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone. Reetsa fa a ntse a bua, morago ga moo mmolelele molaetsa o o gomotsang wa Baebele fa o mo araba ka dilo tse a amegileng ka tsone. Morago ga kgang nngwe e e utlwisang botlhoko mo lefelong lengwe, Mosupi mongwe o ne a bolela gore o maswabi tota ka se se diragetseng. A re: “Ka bonako fela, batho ba ne ba simolola go tlotla. Ke ne ka tlotla thata le batho mo letsatsing leo ka gonne ke ne ke ba kgatlhegela.”

5 Bothata bongwe le bongwe jo batho ba lebaneng le bone bo tla rarabololwa ke Bogosi jwa Modimo. Leka go bona bothata jo bo amang mong wa ntlo thata. A ka nna a go letla gore o tlhalose molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo. Fa a sa batle, a ka nna a rata go reetsa “ka nako e nngwe.”—Dit. 17:32.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela