LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/07 ts. 4
  • “O ne O ka Reng?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O ne O ka Reng?”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Babadi ba Makasine Ono
    Tsogang!—2006
  • (1) Potso, (2) Temana, le (3) Kgaolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tsela e Ntšha ya go Simolola Dipuisano
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Go Babadi ba Makasine Ono
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 3/07 ts. 4

“O ne O ka Reng?”

1. Ke dikgwetlho dife tse bontsi jwa rona re nang le tsone?

1 A o rata Lefoko la Modimo mme o fitlhela go le thata go gakologelwa dintlha tse di malebana le dipego tsa Baebele kana gore mafoko a a rileng e fitlhelwa kae mo Dikwalong? A o ka rata gore bana ba gago ba tlhaloganye dintlha le dithuto tsa motheo tsa Baebele sentle? Setlhogo se se kgethegileng sa “O ne O ka Reng?” se se tlhagang kgwedi le kgwedi mo tsebeng ya 31 ya Tsogang! se ka thusa basha le bagolo go tlwaelana sentle le Lefoko la Modimo.—Dit. 17:11.

2. Dikarolo tse di farologaneng tsa setlhogo sa “O ne O ka Reng?” di ka dirisiwa jang?

2 O ka dirisa setlhogo seno jang ka tsela e e molemo? Tsogang! ya January 2006 e ile ya akantsha jaana: “A o ke o lebelele tsebe 31 . . . Dikarolo dingwe tse di mo tsebeng eno di ka kgatlha babadi ba ba saleng basha ka dingwaga; tse dingwe ke tse di tla lekang baithuti ba Baebele ba ba setseng ba na le kitso e ntsi go bona gore ba gakologelwa go le kana kang. Karolo ya ‘Di Diragetse Leng?’ e tla go thusa gore o itse go latelana ga nako ya ditiragalo le go go bontsha gore batho ba ba umakiwang mo Baebeleng ba tshedile leng le gore ditiragalo tsa botlhokwa di diregile leng. Dikarabo tsa bontsi jwa dipotso tseno di tla tlhagelela mo tsebeng e e kailweng ya makasine di kwadilwe di lebile kwa tlase, mme dikarabo tsa karolo ya ‘Tse di mo Makasineng Ono’ di tla fitlhelwa fale le fale mo go one makasine oo. Ke eng fa o sa dire dipatlisiso pele e bo e le gone o balang dikarabo tseo mme morago ga moo o bo o bolelela batho ba bangwe se o se ithutileng? Gape o ka nna wa dirisa karolo eno e ntšha ya ‘O ne O ka Reng?’ go tshwara motlotlo wa Baebele le ba lelapa kgotsa le setlhopha sa batho ba o ratang go tlotla le bone.”

3. Malapa mangwe a solegetswe molemo jang ke setlhogo seno, mme wena o rata dikarolo dife tsa sone?

3 Ee ruri, malapa a le mantsi a itumelela go dirisa setlhogo seno mo thutong ya lelapa. Mmè mongwe o ile a re: “Nna le monna wa me re ile ra akanya gore go ka nna molemo fa re akaretsa karolo ya ‘Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno’ mo thutong ya rona ya lelapa go dira gore morwadiarona wa dingwaga tse tharo a tlhagafalele thuto le go e kgatlhegela. Go itumedisa tota go mmona a tsaya khopi ya gagwe ya Tsogang! mme a phetlha tsebe nngwe le nngwe ya yone go fitlha a bona se a se batlang.” Rre mongwe wa kwa Brazil a re: “Nna le morwaake wa dingwaga tse supa re rata setlhogo seno sa Tsogang! fela thata. Se thusitse Moises go kgona go tlhoma mogopolo, go leba Dikwalo, go anaanela ditshwantsho le go tlhaloganya matlha.” Ashley wa dingwaga tse robedi o boletse jaana mo lekwalong la gagwe: “Ke lebogela setlhogo sa ‘O ne O ka Reng?’ se se kwa bofelong jwa Tsogang! Se nthuta dilo di le dintsi ka Baebele.”

4. Lelapa le ka dirisa setlhogo seno jang go nna karolo ya dintlha tse le di sekasekang mo thutong ya lelapa ya Baebele?

4 Ke eng fa o sa akanyetse go dirisa setlhogo sa “O ne O ka Reng?” nako le nako mo thutong ya lona ya lelapa? O ka nna wa dirisa Index kgotsa Watchtower Library ya CD-ROM go batla dikarabo tsa dipotso dingwe tse di thata. Ka go dira jalo, o tla bo o ruta bana ba gago go dira dipatlisiso. Fa o na le bana ba bagolwane, ke eng fa o sa ba abele tiro e e thatanyana ya go senka dikarabo tsa dipotso tsa “Ke Nna Mang?” kgotsa tsa “Go Diragetse Leng?” pele ga thuto ya lona ya lelapa? Go tswa foo ba ka nna ba tlhalosa se ba se boneng mo dipatlisisong tsa bone ka nako ya thuto. Go dirisa tsebe eno ka tsela e e molemo ke tsela e nngwe e batsadi ba ka jalelang Lefoko la Modimo kwa teng mo baneng ba bone ka yone, ba ba thusa go itse “mekwalo e e boitshepo” go tswa boseeng.—2 Tim. 3:15; Dute. 6:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela