“O Naya yo o Lapileng Maatla”
1 Rotlhe re a lapa ka dinako tse dingwe. Ga re lapisiwe fela ke tiro kgotsa dilo tse dingwe tse re di dirang mme gape le ke mathata a re lebanang le one mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Tim. 3:1) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re ka nna re nonofile semoyeng jang gore re se ka ra fokotsa lobelo mo bodireding jwa rona? Re dira seno ka go ikaega ka ene yo o nang le ‘nonofo e kgolo,’ Jehofa. (Isa. 40:26) O itse dilo tse re di tlhokang e bile o kgatlhegela thata go re thusa.—1 Pet. 5:7.
2 Dithulaganyo Tsa ga Jehofa: Jehofa o re nonotsha ka moya wa gagwe o o boitshepo, ke one maatla a magolo a a neng a a dirisa go bopa lobopo. Moya wa Modimo o re thusa go “nna le maatla gape” fa re lapa. (Isa. 40:31) Ipotse jaana, ‘Ke leng la bofelo fa ke ne ke rapelela moya o o boitshepo go nnonotsha gore ke diragatse maikarabelo a me a Bokeresete?’—Luke 11:11-13.
3 Fa re bala Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka lone le ka go ikotla semoyeng ka go ithuta ka metlha dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete, re tla tshwana le “setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng.”—Pes. 1:2, 3.
4 Gape Jehofa o dirisa badumedi ka rona, ba ba ka nnang ‘thuso e e re nonotshang.’ (Bakol. 4:10, 11) Ba a re nonotsha kwa dipokanong tsa phuthego ka metlotlo ya bone e e agang, dikakgelo le dipuo. (Dit. 15:32) Bagolwane ba Bakeresete segolobogolo, ba re thusa semoyeng le go re kgothatsa.—Isa. 32:1, 2.
5 Bodiredi: Fa o ikutlwa o lapa, o se ka wa emisa go rera! Go farologana le ditiro tse dingwe tse dintsi, go nna le seabe ka metlha mo bodireding tota go a re lapolosa. (Math. 11:28-30) Go rera dikgang tse di molemo go re thusa go tlhoma mogopolo mo Bogosing jwa Modimo le go nna re akantse ka botshelo jo bo sa khutleng le masego a jone.
6 Go na le tiro e ntsi e re tshwanetseng go e dira pele ga tsamaiso eno e e boikepo e senngwa. Re na le mabaka a a utlwalang a go nna re nitame mo tirelong ya rona, re “ikaegile ka nonofo e Modimo a e nayang.” (1 Pet. 4:11) Ka thuso ya ga Jehofa re tla fetsa tiro ya rona, ka gonne “o naya yo o lapileng maatla.”—Isa. 40:29.