Go Tla Tsamaisiwa Kgatiso e e Kgethegileng ya Tsogang! ka November!
1 Batho ba le bantsi ba na le dipotso tse ba ipotsang tsone ka tlhoafalo malebana le gore a Baebele e botlhokwa. Fa e le gore e kwadilwe ke batho, e ka nna Lefoko la Modimo ka tsela efe? Ke eng fa ke tshwanetse go ikanya Baebele go tsamaisa dikgato tsa me? Ke melemo efe e nka e bonang fa ke ipha nako le matsapa a go bala Baebele? Ke thanolo efe ya Baebele e ke tshwanetseng go e dirisa? Tseno ke dingwe tsa dipotso tse di arabiwang ke kgatiso e e kgethegileng ya Tsogang! ya November ya setlhogo se se reng “A o Ka Ikanya Baebele?”
2 Re tla batla go anamisa kgatiso eno e e kgethegileng ya Tsogang! ka bontsi mo tshimong ya rona. Fa go kgonega, nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo le phuthego Matlhatso mangwe le mangwe mo kgweding ya November. Bontsha balosika, baagelani, badirimmogo, barutabana, ba o tsenang sekolo le bone le batho ba o dirang maeto a go boela kwa go bone kgatiso eno ya Tsogang! Tsamaya o tshotse dikhopi tsa yone fa o ya mabenkeleng le fa o tsere mosepele. Ofise ya lekala e tla romela dikhopi tse di oketsegileng gore phuthego nngwe le nngwe e nne le tse di lekaneng.
3 Simolola Thuto ya Baebele: Fa o tsamaisetsa motho makasine o ka thaya motheo wa thuto ya Baebele pele ga o wetsa motlotlo wa gago le ene. Ka sekai, o ka nna wa re, “Nako e e tlang ke tla rata go go bontsha kafa Baebele e arabang potso eno ka teng, ‘Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?’” Go tswa foo o bo o boela gape kwa go ene ka buka ya Baebele e Ruta Eng mme o bo o mmontsha ditsebe 4-5, kgotsa o bo o tlotla le ene ka dirapa 1-3 tsa kgaolo ya 3. Kgotsa o ka nna wa re, “Nako e e tlang ke tla rata go tlotla le wena ka boporofeti jwa Baebele jo bo diragadiwang gone jaanong jaana.” Fa o boela, bontsha mong wa ntlo kgaolo 9 ya buka eno mme o bo o tlotla le ene ka dirapa 1-3. Kgotsa o ka nna wa raya mong wa ntlo fela o re: “Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go tlhaloganya se ba se balang mo Baebeleng. Nako e e tlang ke tla rata go go bontsha kafa o ka tlhaloganyang Baebele ya gago botoka ka teng.” Fa o boela kwa go ene, mmontshe buka ya Baebele e Ruta Eng, o bo o mmontsha gore thuto e tshwarwa jang.
4 Ke Baebele fela e e nang le “mekwalo e e boitshepo” e e ka kgonang go re “tlhalefisa gore re bone poloko.” (2 Tim. 3:15) Ka gone, rotlhe re tla batla go nna le seabe ka tlhoafalo mo go anamiseng kgatiso e e kgethegileng ya Tsogang! go thusa batho go ikanya Baebele!