Makasine o o Kgethegileng wa Tsogang! o o Tla Tsamaisiwang ka September
1 Mo e ka nnang mongwe le mongwe o itumelela go reetsa dinonyane fa di opela le go bona phirimo ya letsatsi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba palelwa ke go dumela gore Rre yo o lorato yo o kwa legodimong o bopile dilo tseno tsotlhe. Re tla nna le tshono e e molemo ya go neela bosupi jwa gore Jehofa ke mmopi ka go aba makasine o o kgethegileng wa Tsogang! (Isa. 40:28; 43:10) Makasine wa September o tlotla thata ka setlhogo se se reng “A go Na le Mmopi?”
2 Mo Tshimong: Fa kgonega, rulaganya go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo le phuthego Matlhatso mangwe le mangwe. Gone mme, o ka nna wa tsamaisa makasine ono o o kgethegileng ka dinako tse dingwe mo gare ga beke. Barutabana le ba bangwe ba ba berekang mo go tsa thuto ba ka nna ba kgatlhegela makasine ono thata. Ka jalo, go ka nna ga dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng go etela batho bano ba ba leng mo tshimong ya lona.
3 Fa motho a bontsha gore o a kgatlhega, mmotse potso e o tla e arabang mo loetong lo lo latelang. Ka sekai, o ka nna wa botsa potso ya gore ke ka ntlha yang fa Mmopi yo o lorato a letleletse pogo e e kana kana. Morago ga moo, mo loetong lwa go boela o ka nna wa buelela kgaolo 1 kgotsa kgaolo 11 mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Kgotsa o ka nna wa botsa potso e e kaga boikaelelo jwa Mmopi ka lefatshe o bo o tlotla ka kgaolo 3 fa o boa gape.
4 Kwa Sekolong: Fa o tsena sekolo, ke ka ntlha yang fa o sa tsamaise makasine ono o o kgethegileng wa Tsogang! e le mpho mo barutabaneng ba gago le baithuti ka wena? Go baya fela makasine ono mo desekeng ya gago go ka nna ga dira gore ba botse dipotso ka se re se dumelang. O ka nna le ditshono tsa go dirisa tshedimosetso e e leng mo makasineng ono fa o femela tumelo ya gago fa go tshwerwe metlotlo mo tlelaseng le fa o kwala tlhamo. Go go thusa, makasine ono o na le setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana” se se reng “Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?”
5 Jehofa o tshwanelwa ke tlotlo le kgalalelo ka ntlha ya dilo tse a di bopileng. (Tshen. 4:11) Re ka tlotla Mmopi wa rona le go thusa ba bangwe go dira jalo ka go tsamaisa makasine wa Tsogang! wa September ka matlhagatlhaga.