Re ka Thusa Jang Batho ba ba Tlileng Segopotsong?
1. Ke bosupi bofe jo bo nonofileng jo bo tla neelwang ka March 22, 2008?
1 Ka March 22, 2008, dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba tla neelwa bosupi jo bo nonofileng. Batho ba ba tla bong ba tlile Segopotsong ba tla tlhalosediwa kafa Jehofa a bontshitseng lorato lo logolo ka teng ka go abela batho thekololo. (Joh. 3:16) Ba tla ithuta ka Bogosi le kafa Jehofa a tlileng go bo dirisa ka teng go diragatsa thato ya gagwe ka lefatshe lotlhe. (Math. 6:9, 10) Ba tla iponela ka bobone lorato le kutlwano ya batho ba Modimo le go bona moya wa rona wa go amogela baeng.—Pes. 133:1.
2. Re ka thusa jang baithuti ba Baebele ba ba tlileng Segopotsong?
2 Baithuti ba Baebele: Bangwe ba batho ba ba tla bong ba le teng e tla bo e le ba ba sa tswang go simolola go ithuta Baebele le rona. Ba itsise bakaulengwe le bokgaitsadi. Ba tlhalosetse ka dipokano tse di tshwarwang beke le beke mme o ba tsamatsamaise mo Holong ya Bogosi. Ka nako ya puo sebui se tla ba kgothaletsa go gatela pele semoyeng. O ka dirisa mafoko ao a gagwe go kgothatsa batho ba o ithutang le bone.
3. Go ka dirwa eng go kgothatsa baboledi ba ba tsidifetseng ba ba tlileng Segopotsong?
3 Ba ba Tsidifetseng: Bangwe ba batho ba ba tla bong ba le gone e tla bo e le baboledi ba ba tsidifetseng. Tsaya matsapa a go ba dumedisa ka lorato. Tila go ba botsa dipotso tse di ka ba swabisang kgotsa go bua dilo tse di ka ba tlhabisang ditlhong. Ka bonako fela morago ga Segopotso, bagolwane ba tla etela batho bape fela ba ba tsidifetseng ba ba neng ba le gone, go ba akgolela matsapa a ba a tsereng go nna gone le go ba laletsa ka lorato gore ba nne teng mo pokanong e e latelang.
4. Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa baeng jang?
4 Baeng: Bangwe ba batho ba ba ka nnang teng ke batho ba re ba tlwaetseng kgotsa ba malapa a rona ba re ba laleditseng ka borona. Bangwe ba ka tswa ba laleditswe ka nako ya letsholo le le kgethegileng. Fa go na le batho ba o sa ba itseng, tsaya matsapa a go ba ikitsise le go ba amogela ka lorato. Go ka direga gore ke la ntlha ba nna gone mo dipokanong tsa rona. Fa lo ntse lo tlotla o ka nna wa kgona go itse tsela ya go ikgolaganya le bone. O ka godisa kgatlhego ya bone kgotsa wa buelela thuto ya Baebele, ka go ba etela kgotsa go ba founela malatsi a le mmalwa morago ga Segopotso.
5. Re ka simolola thuto ya Baebele jang?
5 Tshedimosetso e e neelwang mo puong ya Segopotso e ka dirisiwa go buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? fa re dira loeto lwa go boela. Ka sekai, sebui sa puo ya Segopotso se tla bala Isaia 65:21-23. Fa o dira loeto lwa go boela, o ka nna wa umaka puo eo o bo o re, “Mma ke go bontshe masego mangwe a re a bonang ka ntlha ya thekololo.” Go tswa foo sekaseka tsebe 4-5 mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Kgotsa o ka re, “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore boporofeti jwa ga Isaia bo tla diragadiwa leng.” Go tswa foo sekaseka serapa 1-3 mo kgaolong ya 9. Tsela nngwe e o ka e dirisang ke go umaka mafoko a sebui se a buileng, o bo o buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? go tswa foo o bo o mmontsha kafa thuto e tshwarwang ka teng.
6. Ke ditshono dife tse re nang le tsone fa re ntse re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore re gopole loso lwa gagwe?
6 E kete rotlhe re ka dirisa ditshono tsotlhe go thusa baithuti ba Baebele, baboledi ba ba tsidifetseng le baeng ba ba tla nnang gone mo Segopotsong. (Luke 22:19) Ruri Jehofa o tla segofatsa tiro epe fela e e oketsegile e re e dirang mo tirong ya Bogosi.