Ba Amogeleng!
1. Ke tiragalo efe e e re nayang tshono e e molemo ya go neela bosupi, mme ka ntlha yang?
1 Segopotso sa ngwaga le ngwaga se re naya tshono e e molemo ya go neela bosupi. Ela tlhoko: Monongwaga re lebeletse baeng ba ba fetang dimilione di le lesome go tla Segopotsong le go tla go utlwa kafa re bontshitsweng lorato lo logolo ka teng ka ditsela tse pedi ka thekololo. (Joh. 3:16; 15:13) Ba tla ithuta ka masego a ba tla a bonang ka ntlha ya mpho e e tswang kwa go Jehofa. (Isa. 65:21-23) Le fa go ntse jalo, ga se sebui fela se se tla neelang bosupi mo tiragalong eno. Botlhe ba ba leng teng ba tla nna le tshono ya go neela bosupi jo bo nonofileng ka go amogela baeng ka lorato.—Bar. 15:7.
2. Re ka amogela baeng jang ka lorato?
2 Go na le gore o batle bonno o bo o nna ka tidimalo o letela gore thulaganyo e simolole, ke ka ntlha yang fa o sa ikitsise mo bathong ba ba dutseng gaufi le wena? Baeng ba ka tswa ba sa gololesega e bile ba sa itse gore go tlile go direga eng. Fa re nyenya ka lorato le go ba dumedisa ka botsalano go tla ba thusa gore ba gololesege le go ikutlwa ba amogetswe. Fa o batla go itse gore a motho o laleditswe, o ka mmotsa gore a ke lekgetlho la ntlha a nna teng mo dipokanong tsa rona kgotsa a o itse mongwe mo phuthegong. Gongwe o ka mo kopa gore a dule gaufi le wena gore lo lebe mmogo mo Baebeleng le mo bukeng ya gago ya dipina. Fa lo kopanela mo Holong ya Bogosi, o ka kgona go mmontsha ka bonako gore e ntse jang. Morago ga puo, ithaopele go araba dipotso tse a ka tswang a na le tsone. Fa phuthego ya lona e tshwanelwa ke go tswa ka bonako gore phuthego e nngwe e tsene, o ka nna wa re: “Nka rata go utlwa gore o ikutlwa jang ka thulaganyo eno. A go na le tsela e nka ikgolaganyang le wena ka yone?” Mme go tswa foo, dira dithulaganyo tsa go ikgolaganya le ene. Bagolwane ba tshwanetse go ntsha matlho dinameng gore ba kgone go bona baboledi ba ba tsidifetseng le go ba kgothatsa.
3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira maiteko a go amogela baeng kwa Segopotsong?
3 E tla bo e le lekgetlho la ntlha baeng ba bantsi ba bona boitumelo, kagiso le kutlwano ya paradaise ya semoya e batho ba ga Jehofa ba e itumelelang. (Pes. 29:11; Isa. 11:6-9; 65:13, 14) Baeng ba tla gakologelwa eng morago ga Segopotso? Go tla ikaega thata ka gore re ile ra ba amogela jang.