LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb16 March ts. 2
  • Amogela Baeng ba Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Amogela Baeng ba Rona
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Amogeleng!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Go Tla Neelwa Bosupi jo bo Maatla
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Re ka Thusa Jang Batho ba ba Tlileng Segopotsong?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Dirang Gore ba Ikutlwe ba Amogetswe kwa Segopotsong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
mwb16 March ts. 2

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Amogela Baeng ba Rona

Ka March 23, go solofetswe gore baeng ba ka nna dimilione di le 12 ba tle Segopotsong. Ruri ba tla neelwa bosupi jo bo tlhatswang pelo fa sebui se tla bo se sekaseka mpho ya ga Jehofa ya thekololo le masego a batho ba tla itumelelang one mo isagweng! (Isa 11:6-9; 35:5, 6; 65:21-23; Joh 3:16) Le fa go ntse jalo, sebui ga se sone fela se se tla neelang bosupi mo tiragalong eno e e kgethegileng. Rotlhe re ka nna le seabe mo go amogeleng baeng ka lorato. (Bar 15:7) Ela tlhoko dikakantsho tse di latelang.

Mosupi wa ga Jehofa o amogela moeng kwa Segopotsong; Mosupi wa ga Jehofa o dirisa Baebele ya gagwe le moeng kwa Segopotsong
  • Go na le gore o ye go dula fa fatshe o emetse gore thulaganyo e simolole, amogela baeng le ba ba tsidifetseng ka go ba dumedisa ka lorato le ka monyenyo

  • Fa o ntse o amogela ba masika le ditsala tse o di laleditseng, ela tlhoko ba ba ka tswang ba tlile ka ntlha ya go bo ba tlogeletswe taletso. Kopa ba ba etileng gore ba tle go bapa le wena o bo o dirisa Baebele le kopelo ya gago le bone

  • Morago ga puo, iphe nako ya go araba dipotso tse baeng ba ka tswang ba na le tsone. Fa e le gore phuthego ya lona e tshwanetse go sutela phuthego e nngwe mo Holong ya Bogosi, dira dithulaganyo tsa go etela motho yo o buileng le ene ka bonako jo bo kgonegang. Fa o se na dinomoro tsa gagwe tsa mogala, o ka re: “Nka rata go utlwa gore o akanya eng ka thulaganyo eno. Nka ikgolaganyang le wena jang?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela