LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/09 ts. 3
  • Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakang Jehofa, Modimo wa Rona!
    Opelelang Jehofa
  • Bakang Jehofa Modimo wa Rona!
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Basha, Bakang Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Tlhaolelwa go Nna Babaki ba ba Itumetseng mo Lefatsheng Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 7/09 ts. 3

Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi

1. Batlhanka ba Modimo ba tlhotlheletsega go dira eng mme ka ntlha yang?

1 Kgosi Dafide o ne a tlhalosa boikemisetso jwa gagwe jwa go baka Jehofa “letsatsi lotlhe,” le ka bosaengkae. (Pes. 145:2, 7, 21) Le rona re na le lebaka le le utlwalang la gore re bake Jehofa letsatsi le letsatsi.—Pes. 37:10; 145:14, 18; 2 Pet. 3:13.

2. Malapa a ka baka Jehofa jang letsatsi le letsatsi?

2 Mo Magaeng a Rona: Re na le dikgatiso tse di agang tse di re thusang go nna le dipuisano tsa semoya fa re sekaseka temana ya letsatsi, fa re nna le Kobamelo ya Lelapa le fa re baakanyetsa dipokano tsa phuthego. Malapa a le mantsi a itlwaeditse go ja mmogo bobotlana gangwe ka letsatsi. Seo se dira gore ba kgone go nna le metlotlo ba iketlile e bile go dira gore ba nne le ditshono tsa go baka Jehofa. Metlotlo e e ntseng jalo e batsadi ba nnang le yone le bana ba bone e ka nna sengwe se se ka thusang batsadi thata gore ba godisetse bana ba bone mo “kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baef. 6:4; Dute. 6:5-7.

3. Ke ditshono dife tse re nang le tsone fa re na le bakaulengwe ba rona?

3 Fa re Na le Bakaulengwe ba Rona: Fa re le mo tirelong ya tshimo kgotsa kwa dipokanong tsa phuthego, re nna le ditshono tse di molemo tsa go baka Jehofa mmogo le badumedi ka rona. (Dia. 15:30; Bafil. 4:8; Baheb. 13:15) E re ka rotlhe re rata Jehofa, go tshwanetse ga nna motlhofo gore re bue ka dilo tse di bontshang kafa re anaanelang molemo wa ga Jehofa ka gone fa re tlotla le ba bangwe.—Pes. 106:1.

4. O ka baka Jehofa mo maemong afe?

4 Fa re Bua le Batho Ba ba Sa Dumeleng: Le fa maemo a ka dira gore re se ka ra nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa letsatsi le letsatsi, go bua ka bokhutshwane ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe le batho ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone le ba bangwe ba ba re dikologileng go ka dira gore batho ba ba peloephepa ba nne le tsholofelo. (Pes. 27:14; 1 Pet. 3:15) Fa kgaitsadi mongwe a ne a palame sefofane, o ne a kgona go neela motho yo a neng a palame le ene bosupi, mme motho yoo o ne a ikutlwa a gomoditswe thata ke se a neng a se utlwa mo e leng gore o ne a naya kgaitsadi yoo aterese le nomoro ya founo ya gagwe gore ba tle ba kgone go buisana. E re ka lefatshe le aparetswe ke mathata a a oketsegang le maemo a a ntseng a nnela maswe le go feta, batho ba ga Jehofa ba tswelela pele go tlisetsa batho ba ba batlang go reetsa, “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.” Seno se dira gore ba bangwe ba nne le tsholofelo e bile se dira gore ba nne le lebaka la go baka Jehofa.—Isa. 52:7; Bar. 15:11.

5. Ke ka ntlha yang fa re batla go baka Jehofa mme seno se ka fitlhelela eng?

5 A bo go tshwanetse ga bo go itumedisa Jehofa jang ne go utlwa batlhanka ba gagwe ba mmaka letsatsi le letsatsi! Fela jaaka popo ya ga Jehofa e e bonalang e e re dikologileng, le rona re ka bolela dipako tsa gagwe letsatsi le letsatsi mo magaeng a rona, mo phuthegong le fa re bua le ba bangwe ba ba iseng ba bake Jehofa mmogo le rona.—Pes. 19:1-4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela