Lebokoso la Dipotso
◼ O tshwanetse go dira eng fa o laelwa go tlogela go rera?
Mo makgetlhong mangwe mapodisi a ile a laela baboledi ba ba neng ba rera gore ba tlogele go rera, mme ba bo ba ba bolelela gore ba tlola molao. Fa o laelwa go dira jalo, o tshwanetse go tswa mo lefelong leo ka bonako le ka maitseo. (Math. 5:41; Bafil. 4:5) O se ka wa leka go rarabolola mathata ka go leka go tlhalosa ditshwanelo tsa rona tsa semolao. Fa go kgonega, ka botlhale leka go kwala nomore e e mo betšheng ya lepodise leo le leina la seteishene se a berekang kwa go sone. Morago ga foo, bolelela bagolwane ka bonako mme bone ba tla ikgolaganya le ofisi ya lekala ka kgang eno. Ka tsela e e tshwanang, fa o laelwa gore o tswe mo foleteng kgotsa mo moagong o o rileng ke mookamedi kgotsa ke mongwe fela yo o tlhokometseng lefelo leo, o tshwanetse go dira jalo ka bonako mme o itsise bagolwane. Go nna bonolo le boikokobetso fa re dirisana le batho ba ba nang le taolo go ka thusa thata go thibela mathata a a sa tlhokegeng.—Dia. 15:1; Bar. 12:18.