LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 July ts. 3
  • ‘Go Femela Dikgang Tse di Molemo Gore di Rerwe Semolao’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Femela Dikgang Tse di Molemo Gore di Rerwe Semolao’
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Sireletsa Dikgang Tse di Molemo Semolao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 July ts. 3
Ditshwantsho: 1. Gathie le Marie Barnett. 2. Mokaulengwe Kokkinakis le ba bangwe kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. 3. Basupi ba ga Jehofa kwa Kgotlatshekelong ya Kgaolo ya Rostov kwa Russia. 4. Setlhopha sa bakaulengwe se eme fa pele ga Kgotlatshekelo ya Molaotheo kwa South Korea.

Kokkinakis v. Greece: Droit réservé

Ditshwantsho tse di simololang kafa molemeng go ya kwa tlase: West Virginia State Board of Education v. Barnette; Kokkinakis v. Greece; Taganrog LRO and Others v. Russia; Cha and Others v. South Korea

BOTSHELO JWA BOKERESETE

‘Go Femela Dikgang Tse di Molemo Gore di Rerwe Semolao’

Fa baganetsi ba ne ba leka go thibela Baiseraele gore ba age tempele sesha, batho ba ba neng ba e aga ba ile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nne le tetla ya semolao ya gore ba tswelele ba aga. (Esr 5:11-16) Ka tsela e e tshwanang, le Bakeresete gompieno ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba femele dikgang tse di molemo le go batla tetla ya go rera. (Baf 1:7) E le gore seno se kgonege, go ile ga tlhomiwa Lefapha la Semolao ka 1936 kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Gompieno, Lefapha la Tsa Semolao Kwa Ntlokgolo le rulaganya mafapha a a tla femelang tiro ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Lefapha leno le ile la thusa jang batho ba Modimo le ditiro tse di direlwang Bogosi?

LEBANG BIDIO YA ITHUTE KA LEFAPHA LA TSA SEMOLAO LE LE KWA NTLOKGOLO YA LEFATSHE LOTLHE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kopana le dikgwetlho dife tsa semolao?

  • Ke dikgetsi dife tsa semolao tse re ileng ra di fenya? Naya sekai

  • Ke eng se rotlhe re ka se dirang go thusa “go femela” dikgang tse di molemo?

  • Mo websaeteng ya rona, re ka bona kae dikgang tsa semolao tse di amang batho ba ga Jehofa le lenaane la Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa kgolegelong ka ntlha ya se ba se dumelang?

Fa e le gore o mo bodireding o bo o kopana le balaodi ba bo ba go bolelela gore o tlola molao mongwe o o rileng, o se ka wa leka go buelela ditshwanelo tsa gago tsa go rera. O tshwanetse go ikobela ditaelo tsa bone. Fa motho yo go laelang gore o tlogele go rera e le lepodise, fa go kgonega mo kope gore a go bontshe sesupo sa gore ke lepodise. Fa a ntse a go se bontsha, lebelela nomoro ya gagwe ya betšhe le karolo e a berekelang kwa go yone. Morago ga moo, bolelela bagolwane mme bone ba tla kopa thuso kwa ofising ya lekala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela