Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo April 1
“Dibuka dingwe di bolela gore Jesu ga a ka a swa ka tsela e Baebele e tlhalosang ka teng mme di bolela gore o ne a nyala a bo a nna le bana. A o kile wa utlwa seo? [Mo letle gore a arabe.] Go botlhokwa go itse boammaaruri. [Bala Johane 17:3.] Setlhogo seno se re naya mabaka a go tshepa se Baebele e se bolelang ka Jesu.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 26.
Tsogang! April
Bala Pesalema 37:9-11. Go tswa foo botsa jaana: “O akanya gore lefatshe le tla nna jang fa seno se ka diragadiwa? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se bua ka boporofeti jo bo kgothatsang jono e bile se tlhalosa lebaka la go bo re bona bosula jo bontsi jaana mo lefatsheng gompieno.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 20.
Tora ya Tebelo May 1
“A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore mokwadi mongwe wa Baebele o tlhalosa jang potso e batho ba le bantsi ba e boditseng. [Bala Pesalema 10:1.] Makasine ono o sekaseka se Baebele e se bolelang malebana le lebaka la go bo Modimo a letlelela go boga le gore ke eng se a se dirang gore go se ka ga tlhola go nna teng.”
Tsogang! May
“Batho ba le bantsi ba ka rata go tlogela go goga motsoko mme ba go fitlhela go le boima thata go dira jalo. A o itse mongwe yo o ka ratang go tlogela go goga? [Mo letle gore a arabe.] Bangwe ba ile ba fitlhela go thusa go kopa thuso ya ditsala le ya ba malapa. [Bala Moreri 4:12a.] Makasine ono o tlhalosa dikakantsho dingwe tse di mosola tse di ka thusang motho go tlogela go goga.”