LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/10 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 6/10 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo June 1

“Batho ba le bantsi ba lebelela dinaledi gore di ba bolelele isagwe ya bone pele ga ba dira ditshwetso. A o akanya gore dinaledi di na le tlhotlheletso mo matshelong a rona? [Mo letle gore a arabe.] Se se kgatlhang ke gore, Baebele e bua ka masomosomo a dinaledi a sodiake. [Bala 2 Dikgosi 23:5.] Setlhogo seno se re bolelela se Baebele e se bolelang.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 18.

Tsogang! June

“Gantsi dikereke di duedisetsa batho dikolobetso, manyalo le diphitlho. A o akanya gore seno se siame? [Mo letle gore a arabe.] Lebelela ditaelo tseno tse Jesu a neng a di naya barutwa ba gagwe. [Bala Mathaio 10:7, 8b.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se bolelang malebana le go duedisetsa batho ditirelo tsa bodumedi.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 22.

Tora ya Tebelo July 1

“Batho ba le bantsi ba bitsa Mothatayotlhe ba re ke Modimo. Mme le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore Baebele e re bolelela gore leina la Modimo ke mang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Isaia 42:8a.] Makasine ono o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa leina la Modimo le ile la ntshiwa mo dithanolong dingwe tsa Baebele le gore go kaya eng go itse Modimo ka leina.”

Tsogang! July

“Seemo se re leng mo go sone sa itsholelo se dirile gore go nne le tlhobaelo e ntsi. Batho ba ba sa berekeng ba ngomogile pelo mme ba ba berekang ba tshwenyegile ka go latlhegelwa ke ditiro tsa bone. A o akanya gore eno ke kgakololo e e molemo e e ka re thusang gore re lepalepane le seo? [Bala Mathaio 6:34. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] Makasine ono o re naya dintlha tse di thusang tsa kafa re ka laolang madi le maikutlo a rona ka teng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela