A ke Dira mo go Lekaneng?
1. Ke dilo dife tse Mokeresete yo o ikanyegang a ka nnang a tshwenyega ka tsone?
1 A o kile wa ipotsa potso eo? Gongwe tsela e o nnang le seabe mo bodireding ka yone e fokotsegile ka ntlha ya go gola, mathata a botsogo kgotsa maikarabelo a a oketsegileng a lelapa a a dirang gore o kgobege marapo. Kgaitsadi mongwe yo o nang le bana ba le bararo o ne a bolela gore ka dinako tse dingwe o ikutlwa molato ka go bo nako le maatla a a a tlhokang go tlhokomela lelapa la gagwe ga a mo letle gore a dire go le gontsi mo bodireding. Ke eng se se tla re thusang go leba dilo ka tsela e e lekalekaneng?
2. Jehofa o lebeletse eng mo go rona?
2 Se Jehofa a se Lebeletseng mo go Rona: Ga go na pelaelo gore rotlhe re ka rata go dira mo go oketsegileng mo bodireding. Mme gantsi go na le pharologano e kgolo fa gare ga se re ka ratang go se dira le se tota re kgonang go se dira. Lebaka la go bo re batla go dira mo go oketsegileng le bontsha gore ga re a kgotsofala. Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o itse ditlhaelo tsa rona sentle mme ga a batle gore re dire se se fetang se tota re ka kgonang go se dira. (Pes. 103:13, 14) O lebeletse eng mo go rona? O batla gore re mo direle ka moya otlhe, re mo direle ka gotlhe mo re ka go kgonang.—Bakol. 3:23.
3. Re ka sekaseka jang maiteko a re a dirang mo bodireding?
3 Ke eng se se tla re thusang gore re itse gore ke eng se tota re ka kgonang go se dira? Re ka kopa Jehofa gore a re thuse go bona seemo sa rona ka tsela e e tshwanetseng. (Pes. 26:2) Tsala e e ka ikanngwang, e e godileng ya Mokeresete e e re itseng sentle, e e sa tshabeng go re bolelela mo re tlhokang go tokafatsa teng le yone e ka re thusa. (Dia. 27:9) Gakologelwa gape gore, e re ka maemo a fetoga, go molemo go sekaseka seemo sa rona ka metlha.—Baef. 5:10.
4. Re tshwanetse go leba jang dikgakololo tse di theilweng mo Baebeleng tse di malebana le bodiredi jwa rona?
4 Kafa re Tshwanetseng go Leba Dikgakololo ka Teng: Fa go na le kgaisano ya lobelo, gantsi babogedi ba rotloetsa batabogi. Boikaelelo jwa seo ke go thusa batabogi go fitlhelela mokgele wa bone, e seng go ba kgoba marapo. Ka tsela e e tshwanang, dikgakololo tse di theilweng mo Baebeleng tse di neelwang kwa dipokanong tsa rona le tse di mo dikgatisong tsa rona tse di buang ka ‘go rera lefoko ka potlako,’ di neelwa gore di re solegele molemo mme e seng go bontsha gore maiteko a re a dirang ga a lekana. (2 Tim. 4:2) Re ka tlhomamisega gore fa re ntse re leka go dira gotlhe mo re ka go kgonang, Jehofa o tla gakologelwa ‘lorato lwa rona le ditiro tsa rona’ ka tsela e e molemo.—Baheb. 6:10.