Malatsi a Mararo a a Lapolosang Semoyeng
1. Re ka lebelela go amogela eng mo kopanong ya kgaolo ya monongwaga?
1 Mo lefatsheng leno le le babotsweng la ga Satane, Jehofa o tswelela go lapolosa batlhanka ba gagwe. (Isa. 58:11) Tsela nngwe e Jehofa a e dirisang go re nonotsha ke ka dikopano tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga. Fa kopano ya kgaolo ya monongwaga e ntse e atamela, re ka ipaakanyetsa jang go lapolosa le go lapolosiwa ke ba bangwe semoyeng?—Dia. 21:5.
2. Re tlhoka go feleletsa dithulaganyo dife?
2 Fa e le gore ga o ise o dire jalo, iphe nako ya go rulaganya dilo tsa gago tsa botho le tsa kwa tirong gore o nne teng ka malatsi otlhe a mararo a kopano. A o setse o bone gore o tla tlhoka go dirisa nako e e kana kang go ya kwa lefelong la kopano letsatsi lengwe le lengwe gore o tle o fitlhe ka nako le go bona manno pele thulaganyo e simolola? Ruri ga re batle go tlhaelwa ke sepe sa dijo tse di nonotshang semoyeng tse Jehofa a re baakanyeditseng tsone! (Isa. 65:13, 14) A o setse o weditse dithulaganyo tsa gago tsa marobalo le tsa sepalangwa?
3. Ke dikakantsho dife tse di tla thusang gore rona le malapa a rona re solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo?
3 Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa eta mogopolo fa thulaganyo e ntse e tsweletse? Fa go kgonega, ikhutse ka mo go lekaneng bosigo bongwe le bongwe ka nako ya kopano. Nna o ntse o lebile sebui. Lebelela temana nngwe le nngwe mo Baebeleng ya gago. Kwala dintlha tse dikhutshwane. Malapa a dira sentle fa a nna mmogo e le gore batsadi ba ka thusa bana ba bone go reetsa ka kelotlhoko. (Dia. 29:15) Gongwe lo ka tlotla ka dintlhakgolo tsa thulaganyo ya kopano maitseboa mangwe le mangwe lo le lelapa. Gore lelapa la gago le tswelele le lapologetswe morago ga kopano, o ka beela nako kwa thoko ka maitseboa a Kobamelo ya Lelapa go tlotla ka dintlha tse di rileng tse lelapa la gago le ka di dirisang.
4. Re ka thusa baboledi ba bangwe jang mo phuthegong ya rona gore le bone ba lapologelwe semoyeng?
4 Thusa ba Bangwe Gore ba Lapologelwe: Re batla gore batho ba bangwe le bone ba lapologelwe semoyeng. A go na le baboledi bangwe ba ba godileng kgotsa ba bangwe ba ba tlhokang thuso gore ba ye kopanong? A o ka kgona go ba thusa? (1 Joh. 3:17, 18) Bagolwane, segolobogolo balebedi ba ditlhopha, ba tshwanetse go tlhomamisa gore baboledi bano ba bona thuso e ba e tlhokang.
5. Re tla tsamaisa jang dipampitshana tsa taletso ya go ya kopanong? (Gape bona lebokose le le fa godimo.)
5 Fela jaaka mo nakong e e fetileng, dibeke di le tharo pele ga dikopano tsa rona di simolola, re tla nna le seabe mo letsholong la go laletsa batho ba bangwe gore ba nne teng. Diphuthego di tshwanetse go ipeela mokgele wa go tsamaisa dipampitshana tsa bone tsa taletso tse ba di filweng tsotlhe le go bereka tshimo e ntsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Dipampitshana tsa taletso tse lelapa la gago le sa fetsang go di tsamaisa fa letsholo le fela, di tshwanetse go tlisiwa kwa kopanong gore lo di dirise go rera lo se mo bodireding. Re tla fiwa tshedimosetso e e oketsegileng malebana le seno ka nako ya thulaganyo ya Labotlhano. Dipampitshana tsa taletso tse lelapa la gago le ka se di diriseng fa le le kwa lefelong la kopano di tshwanetse go newa motlhokomedi fa lo goroga kwa lefelong la kopano. Tsweetswee ipolokele khopi e le nngwe ya tsone e re ka o tla tlhoka go e dirisa ka puo ya bofelo ya Sontaga.
6. Re ka bontsha maitseo ka ditsela dife kwa kopanong?
6 Go Nna Maitseo go a Lapolosa: Mo nakong eno e batho ba le bantsi e leng “baithati” e bile ba sa akanyetse maikutlo a batho ba bangwe, abo go lapolosa jang ne go nna gare ga Bakeresete ka rona ba ba lekang go nna le maitseo! (2 Tim. 3:2) Re bontsha maitseo ka go tsena mo kagong ya kopano ka tsela e e ritibetseng le e e rulaganeng fa dikgoro di bulwa le go bolokela fela batho ba re tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba re nnang le bone mo ntlong e le nngwe kgotsa ba re ithutang Baebele le bone gone jaanong. Re latela kaelo ya modulasetulo fa a re kopa gore re tseye manno gore re reetse mmino o o simololang thulaganyo nngwe le nngwe. Ke go bontsha maitseo fa re dira gore difouno tsa rona tsa selula kgotsa di-pager di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Gape re bontsha maitseo ka go sa bue, go kwala kgotsa go romela molaetsa ka founo, go ja kgotsa go tsamayatsamaya mo diphashiting go sa tlhokege ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse.
7. Re ka lapolosiwa le go lapolosa ba bangwe jang fa re ntse re itsalanya le bakaulengwe ba rona?
7 Botsala jo bo Lapolosang: Dikopano di re naya ditshono tse di oketsegileng tsa go itumelela kutlwano le bokaulengwe jwa Bokeresete. (Pes. 133:1-3) Ke eng fa o sa tseye kgato pele go ‘pitlologa’ le go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa diphuthegong tse dingwe? (2 Bakor. 6:13) O ka itirela mokgele wa gore o itse bobotlana motho a le mongwe kgotsa lelapa lengwe letsatsi le letsatsi. Nako ya boikhutso ya motshegare e re naya tshono e e molemo ya go dira seno. Ka jalo, itlele dijonyana tse di motlhofo mme o itumelele go ja le go itsalanya le ba bangwe mo lefelong la kopano go na le gore o tswe go ya go di reka kgotsa go ya go ja kwa resetšhurenteng e e gaufi. Seno se ka dira gore o segofadiwe ka ditsala tse disha le tse di nnelang ruri.
8. Ke eng fa re tshwanetse go ithaopa go bereka kwa kopanong mme re ka dira seno jang?
8 Abo go lapolosa jang ne go dira mmogo le badumedi ka rona mo tirelong e e boitshepo! A o ka ithaopela go thusa mo lephateng lengwe kgotsa go thusa phuthego ya lona go phepafatsa mo e abetsweng teng? (Pes. 110:3) Fa e le gore ga o na kabelo e o tla e dirang, tsweetswee akanyetsa go ya kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Diatla tse dintsi di dira gore tiro e itumedise le gore e nne motlhofo.
9. Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko thata tsela e re itshwarang ka yone le e re lebegang ka yone ka nako ya kopano?
9 Boitshwaro Jwa Rona bo Lapolosa Batho Ba ba Re Lebileng: Re batlakopanong ka malatsi otlhe a mararo a kopano e seng fela ka nako ya thulaganyo. Batho ba ba re lebileng fa re sa ntse re le mo lefelong la kopano ba tshwanetse go bona pharologano e e lapolosang fa gare ga rona le batho ba e seng Basupi. (1 Pet. 2:12) Tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone kwa lefelong la kopano, kwa re robalang teng le kwa diresetšhurenteng e tshwanetse go tlotla Jehofa. (1 Tim. 2:9, 10) Fa re tsenya dibetšhe tsa rona tsa kopano, batho ba ba re lebileng ba tla kgona go bona gore re Basupi ba ga Jehofa. Seno se ka re naya tshono ya gore re ba bolelele ka kopano ya rona le go ba neela bosupi jo bo oketsegileng.
10. Re ka tlhomamisa jang gore batho ba ba berekang kwa dihoteleng le kwa diresetšhurenteng ba nna le boikutlo jo bo siameng ka kopano ya rona?
10 Re ka dirisana sentle jang le batho ba ba berekang kwa hoteleng, kwa matlong a baeng le kwa diresetšhurenteng? Ga re a tshwanela go kopa diphaposi tse di fetang tse re tla di dirisang, e re ka seno se tla dira gore batlakopanong ba bangwe ba se ka ba bona diphaposi. Fa batho ba ba berekang mo hoteleng kgotsa mo ntlong ya baeng ba tshwaregile ka nako ya fa re fitlha kgotsa re tsamaya, re tshwanetse go nna pelotelele le pelontle. (Bakol. 4:6) Re tshwanetse go naya batho ba ba re nayang dijo kwa diresetšhurenteng, ba ba dirang tiro ya go re tshwarela dibeke, go phepafatsa diphaposi tsa rona le go dira ditirelo tse dingwe kwa dihoteleng le kwa matlong a baeng madinyana a a tlwaelegileng a tebogo.
11. Ke maitemogelo afe a a bontshang kafa go ileng ga neelwa bosupi jo bo molemo ka gone ka ntlha ya boitshwaro jwa rona jwa Bokeresete?
11 Go itshwara sentle ga rona ka nako ya kopano go ka dira gore batho ba bangwe ba re lebe jang? Go ya ka setlhogo sengwe sa lokwalodikgang, manejara mongwe wa lefelo lengwe le le dirisediwang dikopano o ne a re: “Batho bano ba maitseo thata. Re itumelela go nna le bone ngwaga le ngwaga.” Mo ngwageng o o fetileng monna mongwe yo e seng Mosupi o ne a latlhegelwa ke sepatšhe sa gagwe kwa hoteleng nngwe e e neng e dirisiwa ke batlakopanong. Morago ga gore sepatšhe se busediwe kwa manejareng wa hotele se na le dilo tsotlhe, manejara o ne a bolelela mong wa sone jaana: “O lesego go bo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlile kopanong ya bone fa gaufi le gore hotele e ne e tletse ka bone. Go seng jalo, gongwe o ka bo o sa bona sepatšhe sa gago.”
12. Fa kopano e ntse e atamela, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng mme ka ntlha yang?
12 Dikopano tsa monongwaga tsa kgaolo di ntse di atamela ka bofefo. Go dirisitswe nako e ntsi e bile go dirilwe matsapa a mantsi go dira gore thulaganyo le lefelo la kopano e nne tse di lapolosang. Ipeele mokgele wa gore o nne teng malatsi otlhe a le mararo mme o ipaakanyetse se Jehofa le phuthego ya gagwe e go baakanyeditseng sone. Ikemisetse go lapolosa ba bangwe ka maitseo a gago a mantle, botsala jo bo itumedisang le boitshwaro jwa gago jo bontle. Fa o dira jalo, wena le ba bangwe lo tla ikutlwa ka tsela e motlakopanong mongwe mo ngwageng o o fitileng a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a kwala jaana: “Ga ke gakologelwe ke na le maitemogelo a a itumedisang a a fetang ano!”
[Blurb on page 4]
Fela jaaka mo nakong e e fetileng, dibeke di le tharo pele ga dikopano tsa rona di simolola, re tla nna le seabe mo letsholong la go laletsa ba bangwe gore ba nne teng
[Blurb on page 6]
Tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone kwa lefelong la kopano, kwa re robalang teng le kwa diresetšhurenteng e tshwanetse go tlotla Jehofa
[Blurb on page 7]
Ikemisetse go lapolosa ba bangwe ka maitseo a gago a mantle, botsala jo bo itumedisang le boitshwaro jwa gago jo bontle
[Box on pages 4-7]
Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo ya 2011
◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m. mo malatsing otlhe a le mararo. Fa go itsisiwe mmino o o simololang thulaganyo, rotlhe re tshwanetse go nna fa fatshe gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti. Thulaganyo e tla konela ka 4:15 p.m. ka Labotlhano, ka 4:30 p.m. ka Matlhatso mme ka 3:05 p.m. ka Sontaga.
◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang phaka mo go lone. E re ka gantsi mafelo a go phaka dikoloi a tla bo a se mantsi, re tshwanetse go leka thata go tsamaya mmogo mo dikoloing.
◼ Marobalo: Diforomo tsa Special Needs Room Request (CO-5) di gone fa baboledi ba ba batlang go kopa marobalo ba di batla. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a baboledi ba a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le tse di mo lekwalong la December 14, 2010, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe fela baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba maitseo.
◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela fela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe mmogo le ba gone jaanong o ithutang Baebele le bone.—1 Bakor. 13:5.
◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya ka fa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaeleng gore lo di beye gone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.
◼ Meneelo: Re ka bontsha gore re anaanela go bo re baakanyeditswe kopano ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa Holong ya rona ya Bogosi kgotsa kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa leina la akhaonto mo Komiting ya Kopano. Go tla bo go na le mafelo a go ka dirisiwang dikarata tsa eleketeroniki mo go one mo mafelong a a kgethegileng a kopano gore motho a ntshe moneelo ka karata ya diakhaonto kgotsa ya dikoloto. Tsweetswee ikgolaganye le Komiti ya Kopano gore e go bolelele gore lefelo leno le tla bo le le kae.
◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi yo a leng gaufi mme ene o tla bolelela Lephata la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lephateng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kana kang le gore ba thuse.
◼ Melemo: Fa e le gore o tlhoka melemo e o e fiwang ke ngaka, tsweetswee tlhomamisa gore o tla ka e e lekaneng, e re ka go tla bo go se na epe kwa kopanong.
◼ Ditlhako: Ngwaga le ngwaga go nna le dikgobalo di le mmalwa tse di bakwang ke ditlhako tse re di rwalang. Go botoka go tlhopha ditlhako tse di bori, tse di go lekanang sentle tse di ka go letlang go tsamaya ka pabalesego mo ditepising, mo diforeiming tsa tshipi tse di fa fatshe, jalo le jalo.
◼ Go Rekota: Didirisiwa tsa go rekota ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya digodisamantswe kgotsa ya motlakase mme di tshwanetse go dirisiwa fela ka tsela e e ka se kang ya kgoreletsa ba bangwe.
◼ Diporema Tsa Bana: Diporema tsa bana ga di a tshwanela go tsenngwa mo holong ya kopano. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea tse di ka lekanang mo setulong se se fa thoko ga tsa batsadi di a amogelesega.
◼ Dinkgisamonate: Dikopano di le dintsi tsa kgaolo di tshwarelwa mo mafelong a a tswalegileng a go sa tseneng moya mo go one. Ka jalo, re tla bo re bontsha lorato fa re ka fokotsa dinkgisamonate tse di nang le monko o o bogale tse di ka bakelang batho mathata a go hema le a mangwe a a amanang le gone.—1 Bakor. 10:24.
◼ Diforomo Tsa Tsweetswee Boela (S-43): Re tshwanetse go dirisa diforomo tsa Tsweetswee Boela (S-43) go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Baboledi ba tshwanetse go tla ka foromo eno e le nngwe kgotsa di le pedi kwa kopanong. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa Lephateng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2009 ts. 4.
◼ Diresetšhurente: Bontsha gore o tlotla leina la ga Jehofa ka go itshwara sentle kwa diresetšhurenteng. Go tlwaelegile gore motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15.
◼ Tirelo ya Boithaopo: Boitumelo jo re nnang le jone fa re nna teng kwa kopanong ya kgaolo bo tla nna bogolo le go feta fa re ka ithaopela go thusa ka tiro e e tlhokwang go dirwa. (Dit. 20:35) Ope fela yo o batlang o ithaopa o tshwanetse go ya kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 16 le bone ba ka nna le seabe se segolo ka go bereka kafa tlase ga kaelo ya motsadi kgotsa motlhokomedi kgotsa mongwe yo o godileng yo batsadi ba mo kopileng.
◼ Dipina: Diphuthego di ka nna tsa rata go ikatisetsa go sa le gale dipina tse di tla dirisiwang kwa kopanong. Dipina tsa Labotlhano: 5, 18, 31, 30, 86 le 19. Dipina tsa Matlhatso: 93, 40, 59, 24, 89 le 134. Dipina tsa Sontaga: 109, 99, 133, 69, 64 le 2.
[Box on page 5]
Re Tla Tsamaisa Jang Dipampitshana Tsa Taletso?
Gore re kgone go bereka tshimo ya rona yotlhe, re tshwanetse go bua ka bokhutshwane. Re ka nna ra bua sengwe se se tshwanang le seno: “Dumela. Re dira tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go anamisa pampitshana eno ya taletso. Ya gago ke eno. O tla bona tshedimosetso e e oketsegileng mo pampitshaneng eno.” Tsebe e e ka fa ntle ya pampitshana eno e tsosa kgatlhego, ka jalo, e neele mong wa ntlo ka tsela e a tla e bonang. Nna matlhagatlhaga. Fa re tsamaisa dipampitshana tseno ka mafelobeke, dimakasine le tsone di tshwanetse go tsamaisiwa fa go tshwanela.