LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/10 ts. 4-6
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikopano Tsa Rona Tsa Kgaolo—Bosupi jo bo Maatla Jwa Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • A o Ipaakanyeditse go ya Moletlong wa Semoya?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Malatsi a Mararo a a Lapolosang Semoyeng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Nnang lo Lebeletse mo go Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 7/10 ts. 4-6

Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo

1. Meletlo ya Baiseraele e ne e tshwana jang le dikopano tsa rona tsa kgaolo?

1 Josefa, Marea, bana ba bone le batho ba bangwe ba ne ba ya meletlong ya ngwaga le ngwaga kwa Jerusalema. Ka dinako tseno, bone le baobamedi ba bangwe ba ne ba tlogela ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi ba bo ba tlhoma mogopolo mo karolong ya semoya e e botlhokwa thata ya botshelo jwa bone. Meletlo eno e ne e ba naya tshono ya go tlotla malebana le kafa Jehofa a leng molemo ka teng le go sekaseka Molao wa gagwe. Dikopano tsa rona tse di tlang tsa kgaolo di tla re naya ditshono tse di tshwanang le tseo tsa go obamela Jehofa ka boitumelo.

2. Re tshwanetse go dira eng go ipaakanyetsa kopano e e tlang ya kgaolo?

2 Go Tlhokega go Ipaakanyetsa: Go tswa kwa Nasaretha go ne go tlhoka ba lelapa la gaabo Jesu go tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 200 go ya le go boa. Le fa gone re sa itse gore Jesu o ne a na le bomonnawe ba le kae, re ka akanya fela ka dithulaganyo le matsapa a Josefa le Marea ba neng ba tshwanetse go a dira. A o setse o dirile dithulaganyo tse di tlhokegang gore o nne teng malatsi otlhe a le mararo mo kopanong e e tlang ya kgaolo? Seno se ka tlhoka gore o tseye malatsi a boikhutso kgotsa o bue le mothapi wa gago kgotsa o bolelele morutabana gore ngwana wa gago o tla bo a seyo ka malatsi ao. A o setse o dirile dithulaganyo tsa marobalo kwa hoteleng fa e le gore go a tlhokega? A o ka dira maiteko a go thusa mongwe mo phuthegong yo o tlhokang thuso e e kgethegileng gore a nne teng kwa kopanong?—1 Joh. 3:17, 18.

3. Meletlo ya Baiseraele e ne e dira gore go nne le ditshono dife tsa go dira botsala jo bo agang?

3 Botsala jo bo Agang: A bo meletlo ya Bajuda e ne e neela baobamedi tshono e ntle jang ne ya go ipelela botsala jo bo agang! Ga go na pelaelo gore ba lelapa la gaabo Jesu ba ne ba lebile pele go kopana gape le ditsala tsa bone tsa bogologolo. Gape ba ne ba itumelela ditshono tsa go dira ditsala tse disha le Bajuda le basokologi ba ba neng ba le teng kgotsa ba ba neng ba tla Jerusalema le ba ba neng ba tswa teng.

4. Re ka bontsha jang gore re anaanela bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete?

4 Lebaka le lengwe la go bo motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a rulaganyeditse gore re kopane mmogo go tla go utlwa dipuo kwa dikopanong tsa kgaolo go na le gore a re kwalele tshedimosetso eo mo dikgatisong ke gore re tle go kgothatsana. (Baheb. 10:24, 25) Ka jalo, rulaganya gore letsatsi le letsatsi o fitlhe go sa le gale mo kopanong gore o tle o itumelele botsala le ba bangwe pele ga modulasetulo a itsise thulaganyo ya mmino go bontsha gore ke nako ya gore re nne fa fatshe. Go na le gore thapama re tswe mo lefelong la kopano go ya go batla dijo, re kgothalediwa gore re itlele ka dijo tse di botlhoswana e le gore re kopane le go tlotla le ba bangwe. Bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete ke mpho e re e neilweng ke Jehofa mme ka metlha re tshwanetse go e anaanela.—Mik. 2:12.

5. Ke eng se se tla re thusang gore re solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo?

5 Nako ya go Ithuta: Go tloga fela fa a sa le monnye, Jesu o ne a bontsha gore o anaanela meletlo eno ka go ithuta ka ga Rraagwe yo o kwa legodimong. (Luke 2:41-49) Ke eng se se tla thusang rona le ba malapa a rona gore re solegelwe molemo ke dipuo tse di tla bong di neelwa? Fa thulaganyo e tsweletse, nna fa fatshe mme o tile go bua go sa tlhokege. O se ka wa letla founo ya gago ya selula, pager kgotsa sedirisiwa sepe fela se se tshwanang le tsone gore di iteye wena kgotsa ba bangwe tsebe. Tlhoma matlho a gago mo sebuing mme o kwale dintlha tse dikhutshwane. Nnang mmogo jaaka lelapa gore lo tlhomamise gore bana ba lona le bone ba a reetsa. Mo maitseboeng ipheng nako ya go tlotla ka dintlha tse lo di itumeletseng.

6. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse ka moaparo le go ipaakanya ga rona?

6 Moaparo le go Ipaakanya: Bagwebi ba batswakwa ba ba neng ba tsamaya mo tseleng ba ne ba kgona go lemoga ka bonako ba lelapa la gaabo Jesu le baobamedi ba bangwe ba Bajuda ba ba neng ba ya le go tswa kwa meletlong, ka gonne diaparo tsa bone di ne di na le makantsa mo dintlheng le thapo e e bobududu mo godimo ga makantsa a seaparo. (Dipa. 15:37-41) Le fa gone Bakeresete ba sa apare diaparo tse di kgethegileng, re itsege re le batho ba ba aparang ka tsela e e bori le e e bothakga. Re tshwanetse segolobogolo ra ela tlhoko moaparo wa rona fa re ya le fa re tswa kwa kopanong le fa re le mo lefelong la kopano. Tota le fa re ka apara diaparo tse dingwe morago ga kopano, re tshwanetse go lebega ka tsela e e tlotlegang mme re tsenye dibetšhe tsa rona tsa kopano. Ka tsela eno, re tla farologana le batho ba e seng Basupi e bile re tla dira gore ba ba re lebileng ba bue sentle ka rona.

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa go ithaopa kwa kopanong?

7 Go Tlhokega Baithaopi: E le gore kopano e tsamaye sentle go tlhokega badiri ba bantsi. A o ka ithaopela go thusa? (Pes. 110:3) Tiro e e dirwang mo dikopanong tsa kgaolo ke karolo ya tirelo ya rona e e boitshepo e bile e neela bosupi jo bo molemo. Manejara mongwe wa lefelo le kopano e neng e tshwaretswe kwa go lone, o ne a gakgamaditswe ke baithaopi ba ba neng ba phepafaditse moago mo a neng a kwala jaana: “Eno ke kokoano e e gakgamatsang thata e nkileng ka e bona, ke lo leboga thata. Ga ke bolo go utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba kgethegileng ba ba itiretseng leina mo khampaning ya rona ka go tlogela lefelo la rona le le phepa go feta ka fa ba le fitlhetseng ka teng. Lona le mokgatlho wa lona lo dirile gore lefelo leno e nne le le botoka mo setšhabeng mme lo dira seo lo le setlhopha sa batho se se pelontle, se ka dinako tsotlhe re itumelelang go dirisana le sone.”

8. Ke ditshono dife tse re tla nnang le tsone tsa go neela bosupi mo lefelong la kopano?

8 Ditshono Tsa go Neela Bosupi: Batho ba le bantsi mo lefelong la kopano ba tla bona baeng ba ba apereng le go ipaakanya ka tsela e ntle ba tsentse dibetšhe tsa kopano mme seno se tla dira gore ba batle go itse ka rona e bile seno se tla re naya ditshono tsa go ba bolelela ka kopano. Morago ga kopano ngwana mongwe wa dingwaga tse nnè o ne a ya resetšhurenteng a tshotse khopi ya gagwe ya kgatiso e e sa tswang go gololwa mme a bo a e bontsha waitara. Seno se ne sa dira gore batsadi gagwe ba nne le tshono ya go laletsa waitara go tla kopanong.

9. Re ka etsa jang boikutlo jwa ba lelapa la gaabo Jesu malebana le dithulaganyo tsa semoya tsa go ithuta ka ga Jehofa?

9 Meletlo ya bogologolo e ne e le dinako tse di itumedisang tse Bajuda ba ba ratang dilo tsa semoya ba neng ba lebile pele go nna kwa go yone. (Dute. 16:15) Ba lelapa la gaabo Jesu ba ne ba itumelela go ithontsha dilo dingwe e le gore ba nne teng le gore ba solegelwe molemo ka botlalo. Le rona re na le kanaanelo e e tshwanang ka dikopano tsa rona tsa kgaolo, re di tsaya e le mpho e e tswang kwa go Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong. (Jak. 1:17) Jaanong ke nako ya gore re ipaakanyetse tiragalo eno ya ngwaga le ngwaga e e dirang gore re obamele Jehofa ka boitumelo!

[Lebokoso mo go tsebe 6, 7]

Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo

◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m mo malatsing otlhe a le mararo. Fa go itsisiwe mmino o o simololang thulaganyo, rotlhe re tshwanetse go nna fa fatshe gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti. Thulaganyo e tla konela ka 4:15 p.m. ka Labotlhano, ka 4:30 p.m. ka Matlhatso mme ka 3:20 p.m. ka Sontaga.

◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la go phaka dikoloi, dikolo di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. E re ka gantsi mafelo a go phaka dikoloi a tla bo a se mantsi, re tshwanetse go leka thata go tsamaya mmogo mo dikoloing.

◼ Marobalo: Diforomo tsa Room Request (CO-5) di gone fa baboledi ba ba batlang go kopa marobalo ba di batla. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a baboledi ba a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le tse di mo lekwalong la July 15, 2009, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe fela baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba maitseo.

◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela fela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe mmogo le ba gone jaanong o ithutang Baebele le bone.—1 Bakor. 13:5.

◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya kafa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye gone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.

◼ Meneelo: Re ka bontsha gore re anaanela go bo re baakanyeditswe kopano ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa Holong ya rona ya Bogosi kgotsa kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa leina la akhaonto mo Komiting ya Kopano. Go tla bo go na le mafelo a go ka dirisiwang dikarata tsa eleketeroniki mo go one mo mafelong a a kgethegileng a kopano gore motho a ntshe moneelo ka karata ya diakhaonto kgotsa ya dikoloto. Tsweetswee ikgolaganye le Komiti ya Kopano gore e go bolelele gore lefelo leno le tla bo le le kae.

◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi yo a leng gaufi mme ene o tla bolelela Lephata la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lephateng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kana kang le gore ba thuse.

◼ Ditlhako: Ngwaga le ngwaga go nna le dikgobalo tse di bakwang ke ditlhako tse re di rwalang. Go botoka go tlhopha ditlhako tse di bori tse di go lekanang sentle tse di ka go letlang go tsamaya ka pabalesego mo ditepising, mo diforeming tsa tshipi tse di fa fatshe, jalo le jalo.

◼ Go Rekota: Didirisiwa tsa go rekota ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya digodisamantswe kgotsa ya motlakase mme di tshwanetse go dirisiwa fela ka tsela e e ka se kang ya kgoreletsa ba bangwe.

◼ Diporema Tsa Bana: Diporema tsa bana ga di a tshwanela go tsenngwa mo holong ya kopano. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea tse di ka lekanang mo setulong se se fa thoko ga tsa batsadi di a amogelesega.

◼ Dinkgisamonate: Dikopano di le dintsi tsa kgaolo di tshwarelwa mo mafelong a a tswalegileng a go sa tseneng moya mo go one. Ka jalo, re tla bo re bontsha lorato fa re ka fokotsa dinkgisamonate tse di nang le monko o o bogale tse di ka bakelang batho mathata a go hema le a mangwe a a amanang le gone.—1 Bakor. 10:24.

◼ Diforomo Tsa go Boela: Re tshwanetse go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Baboledi ba tshwanetse go tla ka foromo eno e le nngwe kgotsa di le pedi kwa kopanong. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa Lephateng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2009, ts. 4.

◼ Diresetšhurente: Bontsha gore o tlotla leina la ga Jehofa ka go itshwara sentle kwa diresetšhurenteng. Go tlwaelegile gore motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15.

◼ Tirelo ya Boithaopo: Boitumelo jo re nnang le jone fa re nna teng kwa kopanong ya kgaolo bo tla nna bogolo le go feta fa re ka ithaopela go thusa ka tiro e e tlhokwang go dirwa. (Dit. 20:35) Ope fela yo o batlang go ithaopa o tshwanetse go ya kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 16 le bone ba ka nna le seabe se segolo ka go bereka kafa tlase ga kaelo ya motsadi kgotsa motlhokomedi kgotsa mongwe yo o godileng yo batsadi ba mo kopileng.

◼ Dipina: Diphuthego di ka nna tsa rata go ikatisetsa go sa le gale dipina tse di tla dirisiwang kwa kopanong. Dipina tsa Labotlhano: 118, 18, 113, 91, 88 le 75. Dipina tsa Matlhatso: 92, 85, 60, 65, 69 le 48. Dipina tsa Sontaga: 51, 63, 106, 16, 49 le 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela