LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/11 ts. 1
  • Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Lo Nne Pelotlhomogi le Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Etsa Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Jehofa o Busa ka Boutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 7/11 ts. 1

Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”

1. Ke eng se batho ba se tlhokang thata gompieno?

1 Ga go ise go ke go direge mo hisitoring gore batho ba le bantsi ba tlhoke thuso ya bopelotlhomogi thata jaana. Maemo a a ntseng a senyegela pele a lefatshe a dirile gore batho ba le bantsi ba ikutlwe ba sa itumela, ba tshwenyegile thata mo maikutlong le go felelwa ke tsholofelo. Dimilione tsa batho di tlhoka thuso mme rona Bakeresete re ka kgona go bontsha gore re amega ka baagelani ba rona ka tsela ya mmatota. (Math. 22:39; Bagal. 6:10) Re ka bontsha jang gore re amega ka bone?

2. Ke tsela efe e e molemolemo e re ka bontshang bopelotlhomogi ka yone?

2 Tiro e e Bontshang Bopelotlhomogi: Modimo ke ene fela motswedi wa kgomotso ya boammaaruri le e e nnelang ruri. (2 Bakor. 1:3, 4) Jehofa o re kgothaletsa gore re mo etse ka go nna “pelotlhomogi ka bonolo” mme o re neile thomo ya go isetsa baagelani ba rona dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (1 Pet. 3:8) Go dira gotlhe mo re ka go kgonang mo tirong eno ke tsela e e molemolemo ya go gomotsa “ba ba dipelo di phatlogileng” ka gonne Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya mmatota mo bathong ba ba bogang. (Isa. 61:1) E re ka Jehofa a utlwela batho ba gagwe botlhoko, go ise go ye kae o tla tsaya kgato ya go fedisa boikepo le go tlisa lefatshe le lesha la tshiamo.—2 Pet. 3:13.

3. Re ka leba batho jang ka tsela e Jesu a neng a ba leba ka yone?

3 Leba Batho Jaaka Jesu A ne A ba Leba: Le fa Jesu a ne a rerela batho ba le bantsi, o ne a sa akanye ka bone e le setlhopha fela. O ne a ba tsaya e le batho ba mongwe le mongwe wa bone a tlhokang thuso ya dilo tsa semoya. Ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa yo o di kaelang. Jesu o ne a amiwa ke se a se bonang mme o ne a tlhotlheletsega go ba ruta ka bopelotelele. (Mar. 6:34) Fa re leba batho ka tsela e Jesu a neng a ba leba ka yone, re tla tlhotlheletsega go bontsha mongwe le mongwe wa bone bopelotlhomogi ka tsela ya mmatota. Seno se tla bonala ka tsela e re buang ka yone le ka tebego ya difatlhego tsa rona. Go rera e tla nna selo se se tlang pele mo go rona mme re tla fetofetola mafoko a rona gore a tshwanele dilo tse motho mongwe le mongwe a tshwenyegileng ka tsone.—1 Bakor. 9:19-23.

4. Ke eng fa re tshwanetse go apara bopelotlhomogi?

4 Boidiidi jo bogolo jwa batho go tswa mo ditšhabeng tsotlhe bo tsibogela ka tsela e e molemo molaetsa wa Bogosi le tsela e re ba bontshang kgatlhego ya mmatota ka yone. Fa re ntse re tswelela go apara bopelotlhomogi, re tla tlotla le go itumedisa Modimo wa rona yo o pelotlhomogi e bong Jehofa.—Bakol. 3:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela