Jehofa o Busa ka Boutlwelobotlhoko
MO HISITORING yotlhe babusi ba le bantsi ba batho ba ile ba dirisa maatla ka tsela e e setlhogo ya go bogisa babusiwa ba bone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira se se farologaneng le seo ka go tlhopha setšhaba—Iseraele—mme a se busa ka boutlwelobotlhoko.
Fa Baiseraele e ne e sa ntse e le makgoba kwa Egepeto wa bogologolo, Jehofa o ne a utlwa selelo sa bone sa go batla thuso. “Mo dipogisong tsotlhe tsa bone le ene a bogisiwa. . . . A ba rekolola ka lorato lwa gagwe, le ka pelotlhomogi ya gagwe.” (Isaia 63:9) Jehofa o ne a boloka Iseraele, a ba neela dijo ka dikgakgamatso, mme a ba tsenya mo nageng ya bone.
Nonofo ya ga Jehofa ya boutlwelobotlhoko e ne ya bontshiwa gape mo melaong e a neng a e neela setšhaba seno. O ne a laela Baiseraele gore ba tshware masiela, batlholagadi le batswagosele ka kutlwelobotlhoko. Ba ne ba tshwanetse go tshwara digole sentle.
Molao o ne o tlhoka gore ba ba tlhokang ba bontshiwe kutlwelobotlhoko. Bahumanegi ba ne ba ka roba morago ga thobo. Dikoloto di ne di phimolwa mo ngwageng (wa bosupa) wa Sabata. Naga yotlhe e e jelweng boswa e e neng e rekisitswe e ne e tshwanetse go busiwa ka ngwaga wa Jubili (wa bo50). Buka ya Ancient Israel—Its Life and Institutions e bega jaana: “Kwa Iseraele, tota go ne go se na ditlhopha tsa batho ba mefuta e e farologaneng tse di tshwanang le tsa segompieno.” “Mo metlheng ya bogologolo ya bothibelelo, Baiseraele botlhe ba ne ba itumelela maemo a a lekanang a botshelo.”—Lefitiko 25:10; Duteronome 15:12-14; 24:17-22; 27:18.
Go Etsa Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
Batlhanka ba Modimo ba tlhotlhelediwa ke boutlwelobotlhoko jwa gagwe. Ka sekai, mo hisitoring yotlhe, dikgosi tse di neng di sa tswa go tlhomiwa di ne di bolaya maloko a a tshelang a lelapa la segosi la puso e e fetileng. Mme motlhanka wa ga Jehofa Dafide o ne a se ka a dira jalo. Morago ga loso lwa ga Kgosi Saulo, Dafide o ne a sireletsa Mefibosethe, setlogolo sa ga Saulo se se neng se tshela e bile e le sone mojaboswa. “Kgosi ya rekegela Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule.”—2 Samuele 21:7.
Ga go na motho ope yo o neng a etsa boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa jaaka Jesu a ne a dira. Bontsi jwa dikgakgamatso tsa gagwe bo ne bo tlhotlhelediwa ke boutlwelobotlhoko jwa bomodimo. Mo tiragalong e nngwe molepero mongwe o ne a mo rapela jaana: “Fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” Jesu o ne a mo tlhomogela pelo mme a mo ama, a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” (Mareko 1:40-42) Ka nako e nngwe boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne jwa sala Jesu morago. Fa gare ga pherekano eo, Jesu o ne a bona banna ba babedi ba difofu ba ba neng ba goa jaana: “‘Morena, re utlwele botlhoko, Morwa Dafide!’ . . . Jesu ka a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ka yone nako eo ba kgona go bona.”—Mathaio 20:29-34.
Boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne bo sa fokotse tsela e Jesu a neng a utlwela ba bangwe ka yone. O ne a bolela jaana mo tiragalong nngwe, ka gonne bo ne bo sa ja morago ga nako e telele: “Ke utlwa ke tlhomogela boidiidi jono pelo.” Ka jalo o ne a ba neela dijo ka kgakgamatso. (Mareko 8:1-8) Fa Jesu a ne a le mo loetong, o ne a sa rute matshutitshuti a batho fela mme o ne a tlhokometse le dilo tse ba di tlhokang. (Mathaio 9:35, 36) Morago ga loeto loo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba sena nako ya go ikhutsa tota le ya go ja dijo. Pego ya Baebele e re bolelela jaana: “Jalo ba tswa ba tsamaya ka mokoro ba ya kwa lefelong le le se nang batho le go leng bone fela. Mme batho ba ba bona ba tsamaya mme ba le bantsi ba tla go itse kaga gone, mme ba itlhaganelela koo mmogo ka dinao ba tswa mo metseng yotlhe mme ba ba raka. Ebu, ya re a tswa, a bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.”—Mareko 6:31-34.
Jesu o ne a sa tlhotlhelediwe fela ke bolwetse le lehuma la batho mme le boemo jwa bone jwa semoya. Baeteledipele ba bone ba ne ba ba ja ntsoma, ka jalo Jesu “a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo.” Lefoko la Segerika le le kayang ‘a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo’ le kaya “go tlhologelelwa go utlwela botlhoko.” Eleruri Jesu e ne e le motho yo o boutlwelobotlhoko!
Boutlwelobotlhoko mo Lefatsheng le le Setlhogo
Jesu Keresete jaanong ke Kgosi ya Bogosi jwa ga Jehofa jwa selegodimo. Jaaka Modimo a ne a dira mo Iseraeleng wa bogologolo, gompieno o busa batho ba gagwe ka boutlwelobotlhoko. “‘Ba tlaa nna ba me,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘mo motlheng o ke dirang se ka one, e bong khumo e e tlhaolegileng; mme ke tlaa ba [utlwela botlhoko, NW].’”—Malaki 3:17.
Batho ba ba batlang go amogela boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa ba tshwanetse go etsa ditsela tsa gagwe. Ke boammaaruri gore re tshela mo lefatsheng la batho ba ba kgatlhegelang thata go boloka mokgwa wa bone wa go tshela go na le go thusa batho ba ba tlhokang. Gantsi batho ba ba tshwereng marapo ba batla dipoelo mme ba tlhokomologile tshireletsego ya babereki le bareki. Mo go 2 Timotheo 3:1-4, Baebele e tlhalosa sentle boemo jwa boitsholo jwa motlha wa rona o o koafaditseng boutlwelobotlhoko mo dipelong tsa batho ba le bantsi.
Le fa go ntse jalo, re ka bona sebaka sa go bontsha ba bangwe boutlwelobotlhoko. A re ka thusa baagelani ba rona? A go na le motho mongwe yo o lwalang yo re ka mo etelang? A re ka gomotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong, go dumalana le kgakololo eno: “Buang ka tsela e e nametsang le meya e e sulafetseng megopolo, tshegetsang ba ba bokoa”?—1 Bathesalonika 5:14.
Boutlwelobotlhoko gape bo tla re thusa gore re se ka ra nna bogale fa ba bangwe ba re direla diphoso. Re bolelelwa jaana: “A bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.”—Baefeso 4:31, 32.
Boutlwelobotlhoko bo tla re thusa go tila tshekamelo ya go dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang. Baebele e bolela jaana: “Ikapeseng dikatamalano tse di bothitho tsa tlekeetso tsa bopelotlhomogi, bopelonomi, kgobalalo ya mogopolo, bori, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Kgobalalo ya mogopolo e re thusa gore re ipeye mo boemong jwa batho ba re ba okametseng. Go nna boutlwelobotlhoko go akaretsa go nna boikokobetso le go akanyetsa go na le go nna batho ba ba sa itumedisiweng ke sepe. Go batla boleng jwa tiro ga go a tshwanela go nna seipato sa go tshwara batho jaaka dikarolo dingwe tsa motšhine. Gape, mo lelapeng banna ba ba kutlwelobotlhoko ba gakologelwa gore basadi ba bone ke dijana tse di bokoanyana. (1 Petere 3:7) Go akanya ka sekao sa ga Jesu sa boutlwelobotlhoko go ka re thusa mo dilong tseno tsotlhe.
E re ka Jesu a ne a tlhomogela batho pelo mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng, re ka tlhomamisega gore le gone jaanong o sa ntse a le jalo, e bile o tla tswelela pele a le jalo, Mmusi yo o boutlwelobotlhoko. Pesalema 72 e bolela jaana ka tsela ya boporofeti: “O tlaa atlhola bahumanegi ba batho, bana ba batlhoki o tlaa ba boloka, mme mopatiki o tlaa mo phatlakanya. O bile o tlaa nna le puso go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go tswa Nokeng go ya dikhutlong tsa lefatshe. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.”—Pesalema 72:4, 8, 13.
Lefoko la Modimo le bolelela pele jaana: “O tlaa atlholela bahumanegi ka tshiamo, a kgalemelele bakgobaladi ba lefatshe ka tekatekanyo. . . . A bolaya baikepi.” Fa a sena go tlhalosa tota ka batho bangwe ba ba setlhogo, ba ba tshwanang le dibatana gore ba tla fetola ditsela tsa bone, boporofeti bo tswelela pele jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:4-9) Tota boporofeti jono bo solofetsa lefatshe la batho ba ba itseng Jehofa le go etsa ditsela tsa gagwe tsa boutlwelobotlhoko!