Dimakasine Tsa Rona—Di Diretswe go Ngoka Batho ba ba Farologaneng
1. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se etsa moaposetoloi Paulo jang?
1 Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a fetofetola tsela e a neng a neela dikgang tse di molemo ka yone gore a gape ‘batho ba mefuta yotlhe,’ setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le sone se dirisa dimakasine tsa rona go fitlhelela batho ba ditso le ditumelo tse di farologaneng. (1 Bakor. 9:22, 23) Gore re kgone go dirisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! sentle, re tshwanetse go gakologelwa gore dimakasine tseno di kwalelwa bomang.
2. Tsogang! e diretswe go ngoka bomang?
2 Tsogang!: Makasine ono o diretswe go fitlhelela batho ba ba tshwanang le ba moaposetoloi Paulo a neng a bua le bone fa a ne a bua le “banna ba Athena.” (Dit. 17:22) Banna bao ba ne ba sa godisiwa e le Bakeresete mme ba ne ba sa tlhaloganye Dikwalo go le kalo. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba kwalelwang makasine wa Tsogang! ga ba na kitso e ntsi kgotsa ga ba itse sepe ka Baebele. Ba ka tswa ba sa itse sepe ka dithuto tsa Bokeresete, ba sa tshepe bodumedi kgotsa ba sa itse gore mosola wa Baebele ke eng. Boikaelelo jo bogolo jwa Tsogang! ke go dira gore batho ba ba e balang ba tlhatswege pelo gore Modimo wa boammaaruri o teng. Gape boikaelelo jwa makasine ono ke go dira gore batho ba ba o balang ba dumele mo Baebeleng le go ba thusa go tlhaloganya gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi.
3. Makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo o kwalelwa bomang?
3 Tora ya Tebelo: Batho ba ba kwalelwang makasine wa batho botlhe ba tlotla Modimo le Dikwalo ka selekanyo se se rileng. Ba na le kitso e e rileng ka Baebele mme ga ba tlhaloganye dithuto tsa yone sentle. Ba tshwana le batho ba Paulo a neng a re ke ba ba “boifang Modimo.” (Dit. 13:14-16) Makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo o kwaletswe segolobogolo Basupi ba ga Jehofa. Paulo o ne a tsaya gore batho ba ba neng ba bala makwalo a gagwe ba ne ba itse Dikwalo e bile ba na le kitso ya boammaaruri. (1 Bakor. 1:1, 2) Ka tsela e e tshwanang, ditlhogo tse di mo makasineng o o ithutiwang di kwaletswe batho ba ba yang dipokanong tsa rona e bile ba tlwaelane le dikgopolo le mafoko a a dirisiwang ke Basupi.
4. Ke eng fa re tshwanetse go tlwaelana le makasine mongwe le mongwe o re o dirisang mo tshimong?
4 Le fa re tsamaisa dimakasine di le pedi ka nako e le nngwe, gantsi re buelela e le nngwe fela mo puisanong ya rona. Ka jalo, ipeele mokgele wa go tlwaelana le makasine mongwe le mongwe. Fa o dira jalo, o tla bo o le mo seemong se sentle sa go bua ka se se tla ngokang batho ba o kopanang le bone.