LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/11 ts. 1
  • ‘A Leina la Modimo le Itshepisiwe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A Leina la Modimo le Itshepisiwe’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Go Itsise Batho Leina la Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 8/11 ts. 1

‘A Leina la Modimo le Itshepisiwe’

1. Setlhogo sa thulaganyo ya kopano ya potologo sa ngwaga wa tirelo wa 2012 se a reng mme se theilwe mo go eng?

1 Abo e le tshiamelo jang ne go bo re itsiwe ka leina la Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe e bong Jehofa! Modimo ke ene yo o ileng a re naya leina la gagwe gore re bidiwe ka lone mme segolobogolo fa e sale ka 1931, re ntse re itsiwe re le Basupi ba ga Jehofa, e leng leina le le tlhomologileng la ga Jehofa. (Isa. 43:10) Jesu yo e leng Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, o ne a tseela leina la Modimo kwa godimo, a dira gore e nne lone le le tlang pele mo thapelong ya gagwe ya sekao. (Math. 6:9) Setlhogo sa thulaganyo ya kopano ya rona ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2012 se tla bo se theilwe mo mafokong ao a ga Jesu. Se a re: “A Leina la Modimo le Itshepisiwe.”

2. Re tshwanetse go lebelela pele go utlwa tshedimosetso efe?

2 Se re Tla se Utlwang: Ka Matlhatso puo ya setlhogo se se reng, “Itsise Leina la Modimo ka go Nna Modiredi wa Nako e e Tletseng” e tla tlhalosa lebaka la go bo tirelo ya nako e e tletseng e le tsela e e kgotsofatsang ya botshelo. Gape re tla utlwa puo ya neeletsano ya setlhogo se se reng “Ela Tlhoko Gore O se Ka wa Tlisetsa Leina la ga Jehofa Kgobo,” e e tla re thusang gore re se ka ra wela mo dilong di le nnè tse e ka nnang dirai. Puo ya setlhogo se se reng, “Lebaka La go Bo Leina la Modimo le Tshwanetse go Itshepisiwa” e tla araba dipotso tse di reng, Ke eng se se tla re thusang go rera ka tlhoafalo le fa batho ba sa bontshe kgatlhego? le Ke eng se se tla re thusang go dira bodiredi jwa rona ka tsela e e nang le matswela? Ka Sontaga re tla nna le puo ya neeletsano e e nang le dikarolo di le nnè, e e tla tlhalosang kafa re ka itshepisang ka teng leina la Modimo ka dikakanyo tsa rona, puo ya rona, ditshwetso tsa rona le boitshwaro jwa rona. Batho ba ba sa tswang go kopanela ke bone ba segolobogolo ba tla itumelelang puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng, “Jehofa o Tla Itshepisa Leina la Gagwe le Legolo ka Haramagedona.”

3. Re na le tshiamelo efe mme thulaganyo eno e tla re thusa jang?

3 Go ise go ye kae Jehofa o tla tsaya kgato go itshepisa leina la gagwe. (Esek. 36:23) Fa re ntse re letile seo, re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go buelela sengwe le sengwe se se emelang leina le le boitshepo la ga Jehofa. Re tlhomamisega gore thulaganyo eno ya kopano ya potologo e tla thusa mongwe le mongwe wa rona go diragatsa boikarabelo jwa rona jo bo masisi jwa go emela leina la Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela