Lebokoso la Dipotso
◼ A re tshwanetse go rapela fa re tshwara thuto ya Baebele re le mo kgorong?
Go na le melemo e mentsi ya go simolola le go konela thuto ya Baebele ka thapelo. Fa re rapela, re kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo fa re ntse re tlotla le batho. (Luke 11:13) Gape thapelo e dira gore motho yo re ithutang le ene a bone gore go ithuta Baebele ke selo se se masisi e bile re mo ruta gore a rapele jang. (Luke 6:40) Ka jalo, go botlhokwa gore re simolole go rapela ka bonako jo bo kgonegang. Le fa go ntse jalo, e re ka maemo a farologana, motho yo o tshwarang thuto o tshwanetse go dirisa temogo fa a dira tshwetso ya gore a o tla rapela fa a tshwara thuto ya Baebele le motho a le mo kgorong.
Ntlha ya botlhokwa e o tshwanetseng go e akanyetsa ke lefelo le thuto e tshwarelwang mo go lone. Fa lefelo le lo tshwarelang thuto mo go lone le se na batho ba ba ka lo itayang tsebe, go ka dirwa thapelo e khutshwane ka botlhale go simolola le go konela thuto e e tshwarwang ka metlha mo kgorong. Le fa go ntse jalo, fa e le gore go dira jalo go tla dira gore batho ba ba fetang ba lo bone kgotsa ga dira gore motho yo o ithutang le ene a se ka a gololesega, go ka nna molemo gore o lete go fitlha lo ka kgona go tshwara thuto mo lefelong le batho ba ka se kgoneng go lo bona mo go lone. Go sa kgathalesege gore thuto e tshwarelwa kae, re tshwanetse go dirisa temogo gore re bone gore ke leng re ka simololang go rapela.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2005, tsebe 4.