LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/11 ts. 2
  • O se Ka wa Okaoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O se Ka wa Okaoka
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha—Solang Go Tsena Ga Lona Sekolo Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Sekolo se se Atlegileng Se se Mo Lefatsheng Lotlhe
    Tsogang!—1996
  • A Bana ba Gago ba Ipaakantse?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • “Tshimo e e Kgethegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 10/11 ts. 2

O se Ka wa Okaoka

1. Ke eng se se tlhokegang gore o nne pelokgale mme ka ntlha yang?

1 A o kile wa okaoka go rera kwa sekolong ka gonne o ne o boifa gore o tla sotliwa? Ruri go tlhokega bopelokgale gore o bue, segolobogolo fa e le gore o ditlhong. Ke eng se se tla go thusang?

2. O ka dirisa botlhale jang fa o rera kwa sekolong?

2 Dirisa Botlhale: Le fa sekolo se ka tsewa e le tshimo ya gago, gakologelwa gore ga go a lebelelwa gore o simolole motlotlo wa dilo tsa semoya le mongwe le mongwe fela jaaka o ne o ka dira fa o rera ka ntlo le ntlo. Dirisa botlhale go bona gore ke leng o ka buang. (Mor. 3:1, 7) Sengwe se go tlotliwang ka sone mo tlelaseng kgotsa tiro e o e neilweng ya sekolo e ka go naya tshono ya go tlhalosa tumelo ya gago. Kgotsa moithuti ka wena a ka go botsa gore ke ka ntlha yang fa o sa nne le seabe mo ditirong dingwe. Bakeresete bangwe ba ile ba itsise barutabana ba bone kwa tshimologong ya ngwaga wa sekolo gore ke Basupi ba ga Jehofa le go ba naya dikgatiso tse di tlhalosang dilo tse re di dumelang. Ba bangwe ba ile ba tlogela dikgatiso mo didesekeng tsa bone gore baithuti ka bone ba ba botse dipotso ka tsone.

3. O ka ipaakanyetsa jang go neela bosupi kwa sekolong?

3 Nna o Ipaakantse: Fa o baakanyetsa, o tla itshepa le go feta. (1 Pet. 3:15) Ka jalo, leka go akanya ka dipotso tse di ka tsogang mme o akanye gore o ka di araba jang. (Dia. 15:28) Fa go kgonega, nna o tshotse Baebele ya gago le dikgatiso di le mmalwa tse di jaaka buka ya Go Fetolana, dibuka tsa Basha ba Botsa Jaana le dikgatiso tse di buang ka popo kwa sekolong, e le gore o kgone go di dirisa fa go tlhokega. Kopa batsadi ba gago go akaretsa nako ya go ikatisa fa lo tshwere kobamelo ya lelapa.

4. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tswelela o neela bosupi kwa sekolong?

4 Leba Dilo ka Tsela e e Siameng: O se ka wa swetsa ka gore ka metlha bana ba o tsenang sekolo le bone ba tla go kgala fa o bua ka boammaaruri. Bangwe ba ka nna ba kgatlhiwa ke bopelokgale jwa gago e bile ba ka nna ba go reetsa. Mme o se ka wa kgobega marapo fa go se na ope yo o go reetsang. Jehofa o tla itumedisiwa ke gore o ile wa dira maiteko. (Baheb. 13:15, 16) Tswelela o mo kopa gore a go thuse gore ‘o nne o bue ka bopelokgale jotlhe.’ (Dit. 4:29; 2 Tim. 1:7, 8) Akanya ka boitumelo jo o tla nnang le jone fa mongwe a ka go reetsa. Motho yoo a ka nna a bo a feleletsa e le motlhanka wa ga Jehofa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela