LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/11 ts. 1
  • Re mo Tirong ka Metlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re mo Tirong ka Metlha
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • “Dira Tiro ya Moefangele”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 12/11 ts. 1

Re mo Tirong ka Metlha

1. Re itse jang gore bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya gore ba mo tirong ka metlha?

1 Bareri ba ba tlhoafetseng ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera dikgang tse di molemo “ba sa kgaotse” gongwe le gongwe kwa batho ba neng ba le gone. (Dit. 5:42) Ka jalo, ga go ka tsela epe e re ka akanyang ka yone gore fa ba ne ba rera ka ntlo le ntlo ba ne ba tla feta batho mo mebileng ba bo ba sa ba rerele. E bile ba ne ba ka se letle gore ba fetwe ke tshono ya go rerela batho le fa ba se mo bodireding fa ba ntse ba reka kwa marekisetsong. Fela jaaka Jesu, ba ne ba tsaya gore ba mo tirong ka metlha.—Mar. 6:31-34.

2. Go tshelela leina la rona go akaretsa eng?

2 Re Nna re Iketleeleditse: Leina la rona, Basupi ba ga Jehofa, ga le tlhalose fela se re se dirang; mme gape le tlhalosa se re leng sone. (Isa. 43:10-12) Ka jalo, ka metlha re iketleeleditse go femela tsholofelo ya rona, tota le fa re se mo bodireding jwa ntlo le ntlo. (1 Pet. 3:15) A o akanya ka maemo a a ka nnang teng a a ka dirang gore o neele bosupi o se mo bodireding mme o bo o akanya ka se o ka se buang? A o nna o na le dikgatiso tse o ka di nayang batho ba ba bontshang kgatlhego? (Dia. 21:5) A o rera fela ka ntlo le ntlo, kgotsa a o bolelela batho dikgang tse di molemo le mo mafelong a mangwe fa maemo a go letla?

3. Ke eng fa lereo “mokgwa o mongwe” e se lereo le le tshwanelang go tlhalosa go rera mo mebileng, mo go phakiwang dikoloi gone, mo diparakeng, mo mafelong a kgwebo, jalo le jalo?

3 Ga se “Mokgwa o Mongwe” wa go Neela Bosupi: Mo nakong e e fetileng re ne re a tle re dirise lereo “mokgwa o mongwe” fa re bua ka go rera mo mebileng, mo go phakiwang dikoloi gone, mo diparakeng, mo mafelong a kgwebo, jalo le jalo. Le fa go ntse jalo, lereo “mokgwa o mongwe” le ka lebega le kaya gore go rera ka ditsela tse di ntseng jalo ke selo se se sa tlwaelegang kgotsa ke selo se o ka itlhophelang go se dira fa o batla. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore o rera “phatlalatsa” le ka ntlo le ntlo. (Dit. 20:20) Ka jalo, go neela bosupi “phatlalatsa” e ka nna lereo le le tshwanelang go na le lereo “mokgwa o mongwe” wa go neela bosupi. Gone ke boammaaruri gore bodiredi jwa ntlo le ntlo e ntse e le yone tsela ya konokono le e e nang le matswela thata ya go fitlhelela batho ka molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoma mogopolo mo bathong, e seng mo matlong. Ba ne ba dirisa tshono nngwe le nngwe go bua ka boammaaruri—phatlalatsa, ba se mo bodireding le ka ntlo le ntlo. E kete le rona re ka nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa bone gore re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo.—2 Tim. 4:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela