LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/12 ts. 2
  • Rerela ‘Batho ba Mefuta Yotlhe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rerela ‘Batho ba Mefuta Yotlhe’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diboroutšhara—Didirisiwa Tse di Molemolemo mo Bodiheding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Gakologelwang go Dirisa Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Bontsha ba Bangwe Diboroutšhara go ba Bolelela ka Tsholofelo ya Gago ya Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • “Tsamaisa Makasine wa Bogologolo Kgotsa Boroutšhara Bope Fela jo bo Buang ka Dilo Tse Mong wa Ntlo a di Kgatlhegelang”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 1/12 ts. 2

Rerela ‘Batho ba Mefuta Yotlhe’

1. Bareri ba ba nang le matswela ba tshwana jang le babetli ba ba nang le bokgoni?

1 Mmetli yo o nang le bokgoni o na le dithulusu tse dintsi mme o itse gore ke leng le gore ke jang a ka dirisang nngwe le nngwe ya tsone ka gone. Ka tsela e e tshwanang, re na le dithulusu tse di farologaneng tse di re thusang go diragatsa tiro ya rona ya go nna bareri. Ka sekai, go na le diboroutšhara tse di buang ka dilo tse di farologaneng go re thusa go rerela ‘batho ba mefuta yotlhe.’ (1 Bakor. 9:22) Tsenyeletso e e mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e na le lenaane la dingwe tsa diboroutšhara tseno, e tlhalosa gore di kwaletswe bomang e bile e na le dikakantsho tsa gore diboroutšhara tseno di ka tsamaisiwa jang.

2. Ke leng re ka dirisang diboroutšhara mo bodireding?

2 Nako E re Ka Dirisang Diboroutšhara ka Yone: Mmetli o tla dirisa thulusu nako nngwe le nngwe fa go tlhokega. Ka tsela e e tshwanang, re ka tsamaisa boroutšhara nako nngwe le nngwe fa re akanya gore e ka solegela mongwe molemo, e seng fela ka dikgwedi tse di tsamaisiwang ka tsone. Ka sekai, fa e le gore kgatiso e e tsamaisiwang ke buka ya Baebele e Ruta Eng? mme re rerela mong wa ntlo yo e seng Mokeresete e bile a se na kgatlhego e e kalo mo Baebeleng, go ka nna molemo go mo tsamaisetsa boroutšhara jo bo tshwanelang mme go tswa foo re bo re buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? fa re sena go ngoka kgatlhego ya gagwe.

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna ditswerere mo go diriseng dithulusu tsa rona tsa go neela bosupi?

3 Dikwalo di akgola batho ba e leng ditswerere mo tirong ya bone. (Dia. 22:29) Ga go na pelaelo gore ga go na tiro e e botlhokwa gompieno go gaisa ‘tiro e e boitshepo ya dikgang tse di molemo.’ (Bar. 15:16) Gore re nne ‘badiri ba ba se nang sepe se se ka re tlhabisang ditlhong,’ re tshwanetse go leka ka natla go nna ditswerere mo go diriseng dithulusu tsa rona.—2 Tim. 2:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela