DVD ya The Wonders of Creation Reveal God’s Glory
Batho ba le bantsi ba ipelela go leba popo. Mme ke ba le mmalwa ba e reng fa ba e lebile ba bo ba lemoga gore popo e senola go le gontsi kafa Mmopi yo Mogolo wa rona a akanyang ka teng le kafa a ikutlwang ka teng. (Bar. 1:20) Bogologolo, Dafide o ne a ithuta ka ga Jehofa mo Lefokong la Gagwe le le tlhotlheleditsweng. Mme gape popo e ne ya mo thusa gore a ‘bone’ Modimo a bo a atamele gaufi le Ene. (Pes. 8:3, 4) Bidio ya setlhogo se se reng The Wonders of Creation Reveal God’s Glory e thusa rona, bana ba rona le batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba lebe dingwe tsa dilo tse Jehofa a di bopileng, ba bone dinonofo tsa gagwe le botho jwa Mmopi wa rona yo Mogolo mme ka go dira jalo ba atamalane le ene. Morago ga go leba bidio, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang.
(1) Bogolo jwa lobopo le kafa lo rulaganeng ka teng, bo godisa jang tsela e o anaanelang Jehofa ka yone? (Isa. 40:26) (2) Fa re leba metsi ka kelotlhoko, re ka ithuta eng ka Ene yo o a tlhamileng? (Tshen. 14:7) (3) Bogolo jwa lefatshe le kafa letsatsi le atametseng lefatshe ka gone bo bontsha jang botlhale jwa ga Jehofa? (4) Botlhokwa jwa ngwedi ke bofe? (Pes. 89:37) (5) Jehofa o bopile jang batho gore ba kgone go itumelela botshelo? (6) DNA ke eng? (Pes. 139:16) (7) Batho ba farologana jang le dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng tse di mo lefatsheng? (Gen. 1:26) (8) Ke eng se o lebileng pele go se bona le go se dira kwa lefatsheng le lesha?
Dintlha Tse di Oketsegileng: (9) Mebala e tswa kae? (10) Metsi a kgona jang go emelana le maatlakgogedi gore a fitlhe kwa dikaleng tse di kwa godimo mo setlhareng? (11) Metsi a na le seabe sefe mo mebeleng ya rona? (12) Naya dikai tsa tirisanommogo e e leng teng magareng ga dilo tse di tshelang. (13) Dibopiwa di itse jang kafa di tshwanetseng go dirisana le tse dingwe ka gone? (14) “Golden angle” ke eng mme e bonala jang mo popong?
“Lepang ka Kelotlhoko” Popo ya ga Jehofa: Jesu o ne a re kgothaletsa go ‘lepa ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo’ le go ‘ithuta mo dithunyeng tsa masoma tsa legola.’ (Math. 6:26, 28) Go dira jalo go ka nonotsha tumelo ya rona, ga dira gore re ikanye Mmopi ga ba ga dira gore re anaanele botlhale jwa ga Jehofa, maatla a gagwe a a sireletsang le lorato lwa gagwe. Go na le gore re itewe tsebe go sa tlhokege ke dilo tsa lefatshe leno, iphe nako, o bo o dire maiteko a go leba popo ya ga Jehofa e e gakgamatsang mme o bo o tlhatlhanya ka se e re bolelelang sone ka Modimo wa rona.—Pes. 19:1.