Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
1. Ke kgatiso efe e e ileng ya gololwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya 2010, mme re tlile go e dirisa jang?
1 Ruri re ne re itumetse tota fa go ne go gololwa buka eno e ntšha kwa Kopanong ya Kgaolo ya 2010 ya setlhogo se se reng “Nna o Atamalane le Jehofa!” Kgatiso eno e tlhomolola dilo tse re ka ithutang tsone ka botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi tse di fitlhelwang mo bukeng ya Jeremia le ya Dikhutsafalo. (Bar. 15:4) E diretswe gore e dirisiwe mo Thutong ya Baebele ya Phuthego mme e tla simolola go ithutiwa mo masimologong a beke ya November 5, 2012.
2. Ke ka ntlha yang fa re ka solegelwa molemo ke buka ya Baebele ya Jeremia le ya Dikhutsafalo?
2 Botlhokwa Jwa Yone Gompieno: Jeremia, mokwadi wa buka eno ya Baebele e e tlhotlheleditsweng, o ne a porofeta ka nako e maemo kwa Juda a neng a sa jese diwelang. La ntlha, o ne a ikutlwa a sa tshwanelegele kabelo ya gagwe. (Jer. 1:6) Gape o ne a bogisiwa ke ditsala tsa gagwe gongwe le ke bamasika ba kwa motseng wa gaabo wa Anathothe. (Jer. 11:21, 22) Go a utlwala go bo Jeremia a ile a kgobega marapo ka dinako tse dingwe. (Jer. 20:14) Fa re ntse re diragatsa taelo e re e neilweng ya gore re “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,” gantsi re lebana le dikgwetlho le maikutlo a a tshwanang le a Jeremia a neng a na le one. (Math. 28:19) Go tlhatlhoba se a ileng a se kwala go tla re thusa go dira bodiredi jwa rona ka bopelokgale le ka tlhoafalo.
3. Re tlile go dirisa jang dikarolo tse di rileng tse di mo bukeng ya Jeremia?
3 Dikarolo Tse e Nang le Tsone: Dikwalo tse di tshwanetseng go balwa fa go tshwerwe motlotlo di kwadilwe ka mokwalo o o sokameng. Kwa bokhutlong jwa thuto nngwe le nngwe ya beke go na le potso ya botlhokwa kgotsa tse pedi tse di kwadilweng ka bokima tse di bontshang dintlhakgolo tsa thuto. Dipotso tseno di tshwanetse go bodiwa bareetsi e le go boeletsa se se ithutilweng. Buka eno yotlhe e na le ditshwantsho tse di molemo tse phuthego e tla ratang go akgela mo go tsone.
4. Go ithuta buka ya Jeremia go ka re solegela molemo jang ka botlalo?
4 Gore o solegelwe molemo ka botlalo, baakanyetsa thuto go sa le gale. Batla dintlha tse o ka di dirisang mo botshelong jwa gago le mo bodireding. Nna le seabe ka botlalo ka go akgela. Tshegofatso ya ga Jehofa e ne ya dira gore Jeremia a diragatse kabelo ya gagwe ka boipelo e bile a kgotsofetse. (Jer. 15:16) E kete go ithuta kgatiso eno e ntšha go ka re thusa go dira bodiredi jwa rona go tshwana le Jeremia.