Basupi ba ga Jehofa—Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 2: A Lesedi le Phatsime
Morago ga gore Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe ba gololwe kwa kgolegelong ka 1919, Baithuti ba Baebele ba ne ba emetswe ke tiro e kgolo. Jaaka go bontshitswe mo bidiong ya Basupi ba ga Jehofa —Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 2: A Lesedi le Phatsime, Baithuti ba Baebele ba ne ba tla nna le baganetsi ba le bantsi, tsela e ba tlhaloganyang Dikwalo ka yone e ne e tlile go tswelela e oketsega, mme tumelo ya bone e ne e tlile go itshekisiwa. (Dia. 4:18; Mal. 3:1-3; Joh. 15:20) Morago ga go leba bidio, a o ka araba dipotso tseno?
(1) Baithuti ba Baebele ba ile ba dirisa mekgwa efe go anamisa dikgang tse di molemo? (2) Go ne ga dirwa kitsiso efe kwa kopanong e e kgethegileng ka 1931 le 1935? (3) Ke eng se se neng se tlhomologile ka Tora ya Tebelo ya November 1, 1939? (4) Tlhalosa gore go diragetse eng kwa Madison Square Garden fa Mokaulengwe Rutherford a ne a neela puo ya setlhogo se se reng “Puso le Kagiso.” (5) Ke eng se e neng e le sa botlhokwa mo puong ya ga Mokaulengwe Knorr ya “Kagiso—A e Tla Nnela Ruri?” (6) Ke dithulaganyo dife tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di dira go tsweletsa pele tiro ya go rera ka 1942? (7) Tlhalosa dingwe tsa dintwa tsa molao tse di ileng tsa nna teng kwa United States, Canada le Greece. (8) Gileade e ile ya nna le seabe se se kana kang mo koketsegong ya tiro ya go rera? (9) Go ne ga simolola tiro efe ya botlhokwa go simolola ka 1946, mme ka ntlha yang? (10) Ke dikgato dife tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di tsaya go tlhomamisa gore boitsholo jwa bone bo dumalana le melao e e mo Baebeleng? (11) Tlhalosa dingwe tsa diphetogo tse di neng tsa dirwa ka bo1970 go tlhomamisa gore mokgatlho o latela gaufi tsela ya go dira dilo e e mo Baebeleng. (12) Go leba bidio eno go ile ga go thusa jang go tlhaloganya ka botlalo gore Jehofa ke ene a laolang sengwe le sengwe le gore mokgatlho ono ke wa gagwe? (13) Bidio eno e nonotshitse maikemisetso a gago a go tswelela o rera ka tlhoafalo jang le fa go na le dikgoreletsi? (14) Re ka dirisa jang bidio eno go thusa ba masika a rona, baithuti ba Baebele le batho ba bangwe?
Letsatsi lengwe le lengwe le le fetang le oketsa hisitori ya Basupi ba ga Jehofa. Rekoto eno e tla bua eng ka matsapa a rona a re a tsereng mo bodireding? Fela jaaka bakaulengwe ba rona ba dirile mo nakong e e fetileng, e kete re ka tswelela ka tlhoafalo gore “Lesedi le phatsime”!—2 Bakor. 4:6.