LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/12 ts. 3-7
  • Thusa Batho go Reetsa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Batho go Reetsa Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Dirisa Jang Boroutšhara Jwa Reetsa Modimo?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Bontsha ba Bangwe Diboroutšhara go ba Bolelela ka Tsholofelo ya Gago ya Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 7/12 ts. 3-7

Thusa Batho go Reetsa Modimo

1. Ke boroutšhara bofe jo bo neng jwa gololwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “A Bogosi Jwa Modimo bo Tle!” mme ke eng fa e le sedirisiwa se se molemo?

1 Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “A Bogosi Jwa Modimo bo Tle!” go ne ga gololwa boroutšhara jo bosha jwa, Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. E re ka boroutšhara jono bo se na mokwalo o montsi, bo ka ranolwa motlhofo le ka bonako. Tota e bile, fa boroutšhara jono jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri bo ne bo gololwa go ne go setse go ntshitswe tetla ya gore bo ranolwe ka dipuo di le 431.

2. Boroutšhara jono bo ka solegela bomang molemo?

2 Boroutšhara jono bo ka solegela bomang molemo? Akanya ka maemo ano a a tlhagang gangwe le gape mo lefatsheng lotlhe:

• Mmoledi yo o tlotlang le mong wa ntlo, mo loetong lwa ntlha kgotsa mo loetong lwa go boela, o lemoga gore mong wa ntlo ga a itse go bala kgotsa ga a kgone go bala sentle.

• Mmoledi o rerela batho ba ba buang puo e go nang le dikgatiso di se kae fela tse di ranotsweng ka yone kgotsa e go se nang dikgatiso tsa yone gotlhelele. Kgotsa bontsi jwa batho mo tshimong ga ba kgone go bala dikgatiso tsa puo e bontsi bo kgonang go e bua.

• Mmoledi o dirisa puo ya diatla go bua le batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba ba mo tshimong ya bone.

• Motsadi o batla go ruta ngwana wa gagwe yo mmotlana yo a iseng a itse go bala boammaaruri.

3. Boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri bo dirilwe ka tsela efe?

3 Tsela e bo Dirilweng ka Yone: Boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri bo diretswe gore re bo ithute le batho ba ba sa kgoneng go bala sentle kgotsa ba ba sa ntseng ba ithuta go bala. Kwa godimo mo molemeng wa thuto nngwe le nngwe ya ditsebe tse pedi go na le potso e e arabiwang mo ditsebeng tseo. Go na le ditshwantsho tse di nang le dikakgelo le ditemana tse di umakilweng. Kwa tlase mo ditsebeng di le dintsi tsa boroutšhara jono go na le lebokoso le le nang le dintlha tse di oketsegileng le Dikwalo tse di nopotsweng tse di ka tlotliwang le moithuti go ikaegile ka bokgoni jwa gagwe.

4. Re ka tsamaisa boroutšhara jono leng mme jang?

4 Tsela Ya go Bo Dirisa: O ka abela batho boroutšhara jono mo bodireding jwa ntlo le ntlo nako nngwe le nngwe fela fa o bona go tshwanela, tota le fa kgatiso e e tsamaisiwang ka kgwedi eo e se diboroutšhara. (Bona lebokoso la “Kafa bo ka Tsamaisiwang ka Teng.”) O ka bo buelela ka nako ya fa o dira loeto lwa go boela ka go bolelela motho yo o kgatlhegang fela gore o na le sengwe se o ratang go mmontsha sone o bo o mo naya jone. O ka bala le ene mafoko le ditemana tse di tsamaisanang le setshwantsho sengwe le sengwe.

5. Re ka thusa jang moithuti wa Baebele gore a gatelepele?

5 Thusa Moithuti go Gatelapele: Gongwe motlotlo wa gago le moithuti o tla dira gore a kgatlhegele go bala le go ithuta ka boene go fitlha a nna le kitso ka Jehofa. (Math. 5:3; Joh. 17:3) Le fa go ntse jalo, moithuti o tla bo a ise a siamele go ka kolobediwa fa a fetsa boroutšhara jono. O tshwanetse go ithuta le ene buka ya Baebele e Ruta Eng kgotsa kgatiso nngwe e e tshwanetseng e e tla mo thusang go nna le kitso e e tseneletseng ka Baebele.

6. Ke eng fa o lebogela go bo re na le sedirisiwa se sesha mo bodireding?

6 Batho ba tshwanetse go reetsa Molaodimogolo wa lopopo gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Isa. 55:3) Mme thato ya ga Jehofa ke gore “batho ba mefuta yotlhe,” go akaretsa le ba ba sa itseng go bala, ba ithute kafa ba ka mo reetsang ka teng. (1 Tim. 2:3, 4) Ruri re lebogela sedirisiwa seno se sesha se re ka se dirisang go ruta batho tsela ya go reetsa Modimo!

[Lebokose mo go tsebe 3]

Kafa bo ka Tsamaisiwang ka Teng

Bontsha mong wa ntlo tsebe 2-3 o bo o re: “A o ka rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jaana? [Mo letle go araba.] Dikwalo di re solofetsa [kgotsa, buka eno e e boitshepo e solofetsa] gore Modimo o tla tloga a dira lefatshe gore e nne lefelo le lentle le le nang le kagiso le mo go lone go tla bong go se na batho ba ba humanegileng le ba ba lwalang. Utlwa gore re tshwanetse go dira eng gore re tshele mo lefatsheng leo. [Bala Isaia 55:3, e e nopotsweng kwa godimo mo go tsebe 3.] Temana eno e re bolelela gore ‘re tle’ kwa Modimong mme re mo ‘reetse.’ Mme gone re ka reetsa Modimo jang?” Bula tsebe 4-5 mme o tlotle le ene ka karabo ya potso eno. Fa a se na nako, mo tlogelele boroutšhara mme o dire dithulaganyo tsa go boela gape kwa go ene go tla go tlotla ka karabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela