LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/12 ts. 7
  • Ditsela Tse Tlhano Tsa go Bona Thuto ya Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsela Tse Tlhano Tsa go Bona Thuto ya Baebele
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tle o Kope Maina a Batho Ba ba Ka Ratang go Ithuta Baebele?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • A o Buelela Dithuto Tsa Bibela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Karolo 7—Go Simolola le go Konela Thuto ka Thapelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 10/12 ts. 7

Ditsela Tse Tlhano Tsa go Bona Thuto ya Baebele

1. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa go le thata go bona thuto ya Baebele mo tshimong ya rona, mme ka ntlha yang?

1 A o go fitlhela go le thata go bona mongwe yo o ka ithutang le ene Baebele? Nna o leke. Jehofa o segofatsa batho ba ba sa latlheleng seditse fa ba dira thato ya gagwe. (Bagal. 6:9) Fa tlase fano go na le dikakantsho tse tlhano tse di tla go thusang.

2. Re ka buelela thuto ka tlhamalalo jang gore re kgone go simolola thuto?

2 Buelela Thuto ka Tlhamalalo: Batho ba le bantsi ba a itse gore re tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! mme ba ka tswa ba sa itse gore re tshwarela batho dithuto tsa Baebele. Ke eng fa o sa buelele thuto ka tlhamalalo fa o rera ka ntlo le ntlo? Gape o ka nna wa botsa batho ba ba kgatlhegang ba o ba etelang gore a ba ka rata go tshwarelwa thuto ya Baebele. Fa ba gana, o ka ba tlogelela dikgatiso mme wa tswelela o leka go dira gore ba kgatlhege. Mokaulengwe mongwe o ne a etela banyalani bangwe ka dingwaga di le dintsi a nna a ba isetsa dimakasine. Morago ga go ba tlogelela dimakasine tsa bosheng, pele a tsamaya o ne a akanya go ba botsa jaana: “A lo ka rata go tshwarelwa thuto ya Baebele?” Se se neng sa mo gakgamatsa ke gore ba ne ba dumela. Jaanong ba kolobeditswe.

3. A re tshwanetse go tsaya gore batho ba ba tlang dipokanong ba ithuta Baebele le mongwe? Tlhalosa.

3 Ba ba Tlang Dipokanong: O se ka wa akanya gore batho ba ba kgatlhegang ba ba tlang dipokanong tsa phuthego ba tshwarelwa thuto ya Baebele. Mokaulengwe mongwe a re: “Bontsi jwa batho ba ke neng ke ithuta le bone ke ba ke neng ka simolola go tlotla le bone fa ba tlile dipokanong.” Kgaitsadi mongwe o ne a swetsa ka gore a bue le mosadi mongwe yo o ditlhong yo o nang le bomorwadie ba ba kolobeditsweng ba ba kopanelang. Mosadi yono o ne a na le dingwaga di ka nna 15 a tla dipokanong mme ka metlha o ne a tla kwa Holong ya Bogosi fela fa dipokano di simolola a bo a tsamaya ka bonako fela fa di fela. Mosadi yono o ne a dumela go ithuta mme kgabagare a amogela boammaaruri. Kgaitsadi yoo a re: “Ke maswabi tota gore go fetile dingwaga di le 15 ke sa mmotse gore a o ne a ka rata go ithuta!”

4. Go botsa ba bangwe ka batho ba ba ka ratang go ithuta, go ka re thusa jang gore re bone thuto?

4 Botsa ba Bangwe Ka ba Ba ka Ratang go Ithuta: Kgaitsadi mongwe o itumelela go tsamaya le ba bangwe kwa dithutong tsa bone tsa Baebele. Fa morutisi a mo letla, kwa bofelong jwa thuto o botsa moithuti gore a o itse batho ba bangwe ba ba ka itumelelang go ithuta. Fa o tsamaisetsa mongwe buka ya Baebele e Ruta Eng? o ka mmotsa jaana: “A go na le mongwe yo o akanyang gore a ka itumelela buka eno?” Ka dinako dingwe, maemo ga a letle baboledi le babulatsela go tshwarela mongwe yo ba kopaneng le ene mo tshimong thuto ya Baebele. Ka jalo, bolelela ba bangwe gore o ka rata go nna le thuto ya Baebele.

5. Ke ka ntlha yang fa re ka botsa balekane ba ba sa dumeleng ba balekane ba bone e leng Bakeresete gore a ba ka rata go ithuta le rona?

5 Balekane Ba ba Sa Dumeleng: A mo phuthegong ya lona go na le baboledi ba ba nang le balekane ba ba sa dumeleng? Batho bangwe ba ba sa dumeleng ga ba batle go bua le balekane ba bone ba Bakeresete ka Baebele mme ba ka dumela go ithuta le mongwe yo e seng wa lelapa. Gantsi go molemo go bua pele le monna kgotsa mosadi yo molekane wa gagwe a sa dumeleng gore re kgone go bona tsela e e molemo ya go bua le molekane wa gagwe.

6. Thapelo e botlhokwa go le kana kang fa o rapelela go nna le thuto?

6 Thapelo: O se ka wa nyatsa maatla a thapelo. (Jak. 5:16) Jehofa o solofetsa go reetsa dikopo tsa rona fa di dumalana le thato ya gagwe. (1 Joh. 5:14) Mokaulengwe mongwe yo o neng a tshwaregile thata o ne a simolola go rapelela gore a nne le thuto ya Baebele. Mosadi wa gagwe o ne a ipotsa gore a monna wa gagwe o tla nna le nako ya go tlhokomela moithuti, segolobogolo fa moithuti yoo a na le mathata a mantsi. Ka jalo, o ne a bolelela Jehofa dilo tseno tse a neng a tshwenyegile ka tsone fa a rapelela monna wa gagwe gore a nne le thuto. Dithapelo tsa bone di ne tsa arabiwa mo e ka nnang dibeke di le pedi moragonyana fa mmulatsela mo phuthegong a kopana le monna mongwe yo o neng a batla go ithuta, a bo a mo naya mokaulengwe yono. Mosadi yono a re: “Fa go na le mongwe yo o akanyang gore go tshwara thuto ya Baebele e ka nna selo se se ka mo palelang, ka re: Tlhamalala fa o rapela e bile o se ka wa kgaotsa go rapela ka gone. Re ne ra nna le boitumelo jo bogolo jo ke neng ke sa bo lebelela.” Le wena fa o itshoka, o ka nna wa kgona go bona thuto ya Baebele o bo o itumelela go thusa mongwe go tla mo ‘tseleng e e isang botshelong.’—Math. 7:13, 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela