A o Leba Lomati Lwa Dikitsiso ka Metlha?
Bagolwane, batlhanka ba bodiredi le ba bangwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba leba lomati lwa dikitsiso ka metlha go bona gore dikabelo tsa bone di tla nna leng. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba mo phuthegong ba tla bona tshedimosetso e e botlhokwa mo go lone. A o itse letlha le o tshwanetseng go phepafatsa Holo ya Bogosi ka lone? A molebedi wa potologo kgotsa ofisi ya lekala e rometse lekwalo la botlhokwa kwa phuthegong? A o itse setlhogo sa puo ya phatlalatsa ya beke eno gore o kgone go laletsa motho yo o ithutang Baebele le ene? A go na le diphetogo tse di dirilweng mo thulaganyong ya dipokano kgotsa mo setlhopheng sa lona sa tshimo? Bontsi jwa tshedimosetso eno ga e tlhole e itsisiwe ka nako ya dipokano e bile go ka nna ga se kgonege gore bagolwane ba itsise mmoledi mongwe le mongwe. Ka jalo, re tshwanetse go nna re leba lomati lwa dikitsiso. Fa re tlhomamisa gore re leba lomati lwa dikitsiso ka metlha, dilo tsotlhe di tla diragala ka “mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.