Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 29, 2013. Go tsentswe letlha le ntlha nngwe le nngwe e go rulagantsweng go tlotlwa ka lone gore phuthego e kgone go dira dipatlisiso fa e baakanyetsa sekolo sa beke le beke.
1. Ke kgakololo efe e e masisi e e ka ga lenyalo e e mo go Mareko 10:6-9 e Jesu a neng a e naya batho? [Mar. 4, w08 2/15 ts. 30 ser. 8]
2. Go direla Jehofa ka moya otlhe go kaya eng? (Mar. 12:30) [Mar. 4, w97 10/15 ts. 13 ser. 4]
3. “Ditlhabi tsa tlalelo” tse di umakiwang mo go Mareko 13:8 ke eng? [Mar. 11, w08 3/15 ts. 12 ser. 2]
4. Luke o ne a dirisa metswedi efe fa a ne a kwala pego ya Efangele ya gagwe? (Luke 1:3) [w09 3/15 ts. 32 ser. 4]
5. Go bo Satane a batla “nako e nngwe e e mo siametseng” gore a leke bothokgami jwa rona, go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng? (Luke 4:13) [Mar. 25, w11 1/15 ts. 23 ser. 10]
6. Re ka dirisa mafoko a a mo go Luke 6:27, 28 jang? [Mar. 25, w08 5/15 ts. 8 ser. 4]
7. Jesu o ne a ka itshwarela mosadi mongwe maleo a gagwe jang pele ga a ntsha setlhabelo sa thekololo? (Luke 7:37, 48) [Apr. 1, w10 8/15 ts. 6-7]
8. Balatedi ba ga Keresete ba “tlhoa” ba masika a bone ka tsela efe? (Luke 14:26) [Apr. 15, w08 3/15 ts. 32 ser. 1; w92 7/15 ts. 9 ser. 3-5]
9. “Ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding” di tla ama batho jang? (Luke 21:25) [Apr. 22, w97 4/1 ts. 15 ser. 8-9]
10. Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a rapela ka yone fa re lebana le diteko segolobogolo tse di boima? (Luke 22:44) [Apr. 29, w07 8/1 ts. 6 ser. 2]