LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/15 ts. 13-18
  • Jehofa o Rata Tirelo E o E Dirang ka Moya Otlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Rata Tirelo E o E Dirang ka Moya Otlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Sentle ka Tirelo e e Dirwang ka Moya Otlhe
  • Ga re Ipapise le ba Bangwe
  • Mpho ya “Tlhotlhwa e e Kwa Godimo Thata” ya Mosadi yo o Anaanelang
  • “Madinyana a le Mabedi a Tshipi” a Motlholagadi
  • Go Ithuta Pono ya ga Jehofa ya Tirelo e e Dirwang ka Moya Otlhe
  • Karolo 5—Melemo e Mentsi eo e Nnang Gone ka Ntlha ya Go Dira ka Moya Otlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Dira ka Pelo Yotlhe!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • O Falotse Tšhaka ya Khutsafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/15 ts. 13-18

Jehofa o Rata Tirelo E o E Dirang ka Moya Otlhe

“Lefa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.”—BAKOLOSA 3:23.

1, 2. (a) Ke tshiamelo efe e e di fetang tsotlhe e re ka nnang le yone? (b) Ke ka ntlha yang ka dinako tse dingwe re ka se ka ra kgona go dira gotlhe mo re ratang go go dira fa re direla Modimo?

GO DIRELA Jehofa ke tshiamelo e e di fetang tsotlhe e re ka nnang le yone. Ka mo go utlwalang, lokwalopaka lono lo sa le ka lo kgothatsa Bakeresete gore ba nne le seabe mo bodireding, tota le go direla “ka botlalo segolo” fa go kgonega. (1 Bathesalonika 4:1) Le fa go ntse jalo, ga se ka dinako tsotlhe re ka kgonang go dira sotlhe se pelo ya rona e eletsang go se dira mo go direleng Modimo. “Boemo jwa me bo ntlhoka gore ke bo ke bereka ka nako e e tletseng,” go tlhalosa jalo kgaitsadi mongwe yo o seng mo lenyalong yo o neng a kolobediwa dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng. “Lebaka le le ntirang gore ke bereke ga se go bo ke batla diaparo tsa feshene kana go tsaya malatsi a boikhutso a a tlhokang madi a mantsi, mme ke go itlamela ka dilo tse di tlhokegang, go akaretsa ditshenyegelo tsa kalafi le tsa kalafi ya meno. Ke ikutlwa jaaka e kete ke neela Jehofa masalelanyana fela.”

2 Go rata Modimo go re tlhotlheletsa gore re batle go dira mo gontsi mo re ka go kgonang mo tirong ya go rera. Mme gantsi maemo a botshelo a lekanyetsa se re ka kgonang go se dira. Go diragatsa maikarabelo a mangwe a Dikwalo, go akaretsa le maikarabelo a lelapa, go ka ja nako e ntsi ya rona le maatla. (1 Timotheo 5:4, 8) Mo “[dinakong tseno] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,” botshelo bo a gatelela go feta le e leng pele. (2 Timotheo 3:1) Fa re sa kgone go dira sotlhe se re ratang go se dira mo bodireding, re ka nna ra ikutlwa re tshwenyegile mo pelong ka tsela nngwe. Re ka nna ra ipotsa gore a Modimo o itumedisiwa ke kobamelo ya rona.

Se Sentle ka Tirelo e e Dirwang ka Moya Otlhe

3. Ke eng se Jehofa a se lebeletseng mo go rona rotlhe?

3 Mo go Pesalema 103:14, Baebele e re tlhomamisetsa ka lorato gore Jehofa “o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.” O tlhaloganya makoa a rona go gaisa motho ope o sele. Ga a batle se re ka se kang ra kgona go se mo naya. Ke eng se a se lebeletseng mo go rona? Sengwe se mongwe le mongwe, go sa kgathalesege seemo sa gagwe mo botshelong, a ka se nayang: “Lefa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” (Bakolosa 3:23) Ee, Jehofa o lebeletse gore rona—rotlhe—re mo direle ka moya otlhe.

4. Ke eng se se kaiwang ke go direla Jehofa ka moya otlhe?

4 Ke eng se se kaiwang ke go direla Jehofa ka moya otlhe? Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “moya otlhe” totatota le kaya “go tswa mo moyeng.” “Moya” o bolela motho a feletse le dinonofo tsa gagwe tsotlhe tsa mmele le tsa mogopolo. Ka gone go direla ka moya otlhe go kaya go dira ka bojotlhe, re dirisa dinonofo tsotlhe tsa rona le go dirisa maatla a rona ka botlalo ka mo re ka kgonang ka gone mo tirelong ya Modimo. Fa e bewa ka tsela e e motlhofo, go raya go dira sotlhe se moya wa rona o ka kgonang go se dira.—Mareko 12:29, 30.

5. Sekai sa baaposetoloi se bontsha jang gore ga se botlhe ba ba tshwanetseng go dira se se tshwanang mo bodireding?

5 A go dira ka moya otlhe go raya gore rotlhe re tshwanetse go dira ka selekanyo se se tshwanang mo bodireding? Seo se ka se kgonege, ka gonne maemo le dinonofo tsa rona di farologana go ya ka motho. Akanya ka baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu. E ne e se botlhe ba ba neng ba kgona go dira dilo ka selekanyo se se tshwanang. Ka sekai, re itse go sekaenyana fela ka bangwe ba baaposetoloi, ba ba jaaka Simone wa Mokanana le Jakobe morwa Alefaeo. Gongwe dilo dingwe tse ba neng ba di dira jaaka baaposetoloi di ne di se kalokalo. (Mathaio 10:2-4) Go farologana le seo, Petere o ne a kgona go amogela maikarabelo a mantsi a a boima—ebu, Jesu o ne a bo a mo neela “dilotlolo tsa bogosi”! (Mathaio 16:19) Le fa go ntse jalo, Petere o ne a sa tseelwe kwa godimo go feta ba bangwe. Fa Johane a ne a amogela ponatshegelo ya Jerusalema yo Mosha mo go Tshenolo (mo e ka nnang ka 96 C.E.), o ne a bona maje a motheo a le 12 mme mo go one go kwadilwe “maina a le lesome le bobedi a baaposetoloi ba le lesome le bobedi.”a (Tshenolo 21:14) Jehofa o ne a tsaya tirelo ya baaposetoloi botlhe e le botlhokwa, le mororo go bonala ba bangwe ba ne ba kgona go dira mo go oketsegileng go feta ba bangwe.

6. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi, ke eng se se diregang ka peo e e jadilweng mo “mmung o o molemomogolo,” mme go tsoga dipotso dife?

6 Ka mo go tshwanang, Jehofa ga a batle gore rotlhe re dire ka selekanyo se se tshwanang mo go rereng. Jesu o ne a bontsha seno mo setshwantshong sa mojadi, se se neng se tshwantsha tiro ya go rera le dipeo tse di jadiwang. Peo e ne ya wela mo mefuteng e e farologaneng ya mmu, o o tshwantshetsang mefuta e e farologaneng ya maemo a pelo a a bontshiwang ke bao ba utlwang molaetsa. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Fa e le ka e e jetsweng mo mmung o o molemomogolo, eno ke yo o utlwang lefoko a ba a tshwara kgopolo ya lone, yo tota o ntshang maungo e bile a ungwa, yono go menagane ga lekgolo, yole masome a marataro, yo mongwe masome a mararo.” (Mathaio 13:3-8, 18-23) Maungo ano ke eng, mme ke ka ntlha yang fa a ungwa ka dilekanyo tse di farologaneng?

7. Ke eng se e leng maungo a peo e e jadilweng, mme ke ka ntlha yang fa e ungwa ka dilekanyo tse di farologaneng?

7 E re ka peo e e jadilweng e le “lefoko la bogosi,” go ungwa maungo go raya go anamisa lefoko leo, go le bolelela ba bangwe. (Mathaio 13:19) Selekanyo se maungo a ungwileng ka sone se a farologana—go tloga ka go menagane ga masome a mararo go iseng kwa go lekgolo—ka gonne dinonofo le maemo mo botshelong di a farologana. Motho yo o nang le botsogo jo bo siameng le yo o nang le maatla mo mmeleng a ka kgona go dirisa nako e e oketsegileng a rera go feta yo maatla a gagwe a koafaditsweng ke bolwetse jo bo sa foleng kana ke go tsofala. Motho yo mosha yo o sa nyalang yo o se nang maikarabelo a lelapa a ka kgona go dira mo go oketsegileng go feta yo o tshwanetseng go bereka ka nako yotlhe gore a tlamele ba lelapa.—Bapisa Diane 20:29.

8. Jehofa o leba jang batho ba ba dirang bojotlhe jo moya wa bone o ka bo dirang?

8 Go ya ka Modimo, a motho yo o dirang ka moya otlhe a ungwa go menagane ga masome a mararo ga a ineela thata jaaka yo o ungwang go menagane ga lekgolo? Tota nnyaa! Selekanyo se re ungwang ka sone se ka farologana, mme Jehofa o itumedisiwa fela ke fa tirelo eno re e dira ka bojotlhe jo re ka bo kgonang. Gakologelwa gore selekanyo se se farologaneng se re ungwang ka sone sotlhe se tswa mo dipelong tse e leng “mmu o o molemomogolo.” Lefoko la Segerika (ka·losʹ) le le ranotsweng ka gore “molemomogolo” le tlhalosa sengwe se “sentle” le se se “itumedisang pelo, le se se kgatlhang matlho.” A bo go gomotsa jang ne go itse gore fa re dira bojotlhe jwa rona, pelo ya rona e nna ntle mo matlhong a Modimo!

Ga re Ipapise le ba Bangwe

9, 10. (a) Pelo ya rona e ka re gogela mo kakanyong efe e e sa siamang? (b) Setshwantsho se se mo go 1 Bakorintha 12:14-26 se bontsha jang gore Jehofa ga a re bapise le ba bangwe mo go se re se dirang?

9 Le fa go ntse jalo, pelo ya rona e e sa itekanelang e ka leba dilo ka tsela e e farologaneng. E ka bapisa tirelo ya rona le ya ba bangwe. E ka nna ya akanya gore, ‘Ba bangwe ba dira mo go oketsegileng thata mo bodireding go nkgaisa. Jehofa a ka itumedisiwa jang ke tirelo ya me?’—Bapisa 1 Johane 3:19, 20.

10 Dikgopolo le ditsela tsa ga Jehofa di feta tsa rona thata. (Isaia 55:9) Mo go 1 Bakorintha 12:14-26 re kgona go lemoga tsela e Jehofa a lebang maiteko a mongwe le mongwe wa rona ka yone, moo phuthego e tshwantshiwang le mmele o o nang le ditokololo di le dintsi—matlho, diatla, maoto, ditsebe, le tse dingwe fela jalo. Akanya, ka nakwana, ka mmele wa mmatota. Go tla bo go le boeleele jang ne go bapisa matlho a gago le diatla tsa gago kana maoto a gago le ditsebe tsa gago! Tokololo nngwe le nngwe e dira tiro e e farologaneng, le fa go ntse jalo ditokololo tsotlhe di mosola e bile di botlhokwa. Ka mo go tshwanang, Jehofa o rata tirelo e o e dirang ka moya otlhe go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba dira mo go oketsegileng kana ba dira go le gonnye go le kana kang.—Bagalatia 6:4.

11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka ikutlwa ba le “bokoanyana” kana ba ‘sa tlotlege’? (b) Jehofa o leba tirelo ya rona jang?

11 Ka ntlha ya makoa a a tlisiwang ke botsogo jo bo sa siamang, go tsofala, kana maemo a mangwe, ka dinako tse dingwe bangwe ba rona re ka nna ra akanya gore re “bokoanyana” kana ‘ga re tlotlege.’ Mme ga se tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Baebele e re bolelela jaana: “Ditokololo tsa mmele tse di bonalang di le bokoanyana di a tlhokega, le dikarolo . . . tse re akanyang gore ke tse di sa tlotlegeng thata, tseno re di dikanyetsa ka tlotlo e kgolo thata . . . Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa kopanya mmele, o naya karolo e e neng e na le tlhaelo tlotlo e kgolo thata.” (1 Bakorintha 12:22-24) Ka jalo motho mongwe le mongwe o ka nna botlhokwa thata mo go Jehofa. O anaanela tirelo ya rona e re e dirang go ya ka makoa a rona. A pelo ya gago ga e go tlhotlheletse go batla go dira gotlhe mo o ka go kgonang go direla Modimo yo o ntseng jalo yo o tlhaloganyang le yo o lorato?

12 Se se botlhokwa mo go Jehofa he, ga se gore o dire sengwe jaaka motho yo mongwe a se dira mme ke gore o dira se wena ka namana—moya wa gago—o ka kgonang go se dira. Gore Jehofa o tsaya maiteko a mongwe le mongwe wa rona a le botlhokwa go ne ga bontshiwa ka tsela e e amang maikutlo tota ke tsela e Jesu a neng a dirisana ka yone le basadi bangwe ba babedi ba ba sa tshwaneng mo malatsing a gagwe a bofelo a botshelo jwa gagwe mo lefatsheng.

Mpho ya “Tlhotlhwa e e Kwa Godimo Thata” ya Mosadi yo o Anaanelang

13. (a) Ke maemo afe a a neng a dira gore Marea a tshele lookwane lo lo nkgang monate mo tlhogong le mo maotong a ga Jesu? (b) Lookwane lwa ga Marea lo ne lo le tlhwatlhwakgolo go le kana kang?

13 Mo maitseboeng a Labotlhano, ka Nisane 8, Jesu o ne a goroga kwa Bethania, motsana o o ka fa mokgokoloseng o o ka fa botlhaba jwa Thaba ya Lotlhware, mo e ka nnang dikilometara di le tharo go tswa kwa Jerusalema. Jesu o ne a na le ditsala tse di rategang mo toropong eno—Marea, Maretha, le kgaitsadiabone, e bong Lasaro. Jesu o ne a kile a etela legae la bone, gongwe gantsinyana. Mme ka Matlhatso maitseboa, Jesu le ditsala tsa gagwe ba ne ba ja dijo tsa maitseboa kwa legaeng la ga Simone, yo o kileng a tshwarwa ke lepero yo gongwe a ka tswang a ne a fodisitswe ke Jesu. Jaaka Jesu a ntse ka go sekama fa tafoleng, Marea o ne a dira tiro e e supang boikokobetso e e neng e bontsha gore o rata thata monna yo o neng a tsosa kgaitsadie. O ne a bula folaseke e e neng e na le lookwane lo lo nkgang monate, lo lo “tlhotlhwa e e kwa godimo thata.” Lo lo turang tota! Lo ne lo ja didenario di le 300, madi a a ka lekanang le dituelo tsa ngwaga otlhe. O ne a tshela lookwane lono lo lo nkgang monate mo tlhogong ya ga Jesu le mo maotong a gagwe. Tota o ne a bo a phimola maoto a gagwe ka moriri wa gagwe.—Mareko 14:3; Luke 10:38-42; Johane 11:38-44; 12:1-3.

14. (a) Barutwa ba ne ba itshwara jang fa Marea a dira seo? (b) Jesu o ne a buelela Marea jang?

14 Barutwa ba ne ba galefile! Ba ne ba botsa jaana: ‘Ke eng fa go senngwa jaana?’ Judase, ka go fitlha boikutlo jwa gagwe jwa go utswa ka go ntsha kakantsho ya go thusa batho ba ba tlhokang, o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa lookwane lo lo nkgang monate lono lo ne lo sa rekisiwe ka didenario di le makgolo a mararo mme tsa newa batho ba ba humanegileng?” Marea o ne a didimala fela. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Mo leseng. Ke ka ntlha yang fa lo leka go mo direla letshwenyo? O ntiretse tiro e e molemomogolo [sebopego sa ka·losʹ]. . . . O dirile se a neng a ka se kgona; o ne a tsaya matsapa go sa le pele go tshasa mmele wa me lookwane lo lo nkgang monate ka ntlha ya phitlho. Ammaaruri ke a lo raya, Gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa e le go mo gopola.” A bo mafoko a ga Jesu a a lorato a ne a ritibatsa pelo ya ga Marea jang ne!—Mareko 14:4-9; Johane 12:4-8.

15. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a itumedisiwa ke se Marea a neng a se dira, mme ke eng se re se ithutang malebana le tirelo e e dirwang ka moya otlhe?

15 Jesu o ne a itumedisiwa thata ke se Marea a se dirileng. Go ya ka ene, o ne a dirile tiro e e ka bakwang thata. Selo se Jesu a neng a se tsaya se le botlhokwa e ne e se tlhwatlhwa ya mpho mme e ne e le lebaka la gore “o dirile se a neng a ka se kgona.” O ne a dirisa sebaka seo sentle mme a ntsha se a neng a kgona go se ntsha. Dithanolo tse dingwe di ranotse mafoko ano ka gore, “O dirile sotlhe se a neng a ka se kgona,” kana “O dirile se se neng se le mo maatleng a gagwe go se dira.” (An American Translation; The Jerusalem Bible) Mpho ya ga Marea o ne a e ntsha ka moya otlhe ka gonne o ntshitse bojotlhe jwa gagwe. Ke sone se se bolelwang ke tirelo e e dirwang ka moya otlhe.

“Madinyana a le Mabedi a Tshipi” a Motlholagadi

16. (a) Go tlile jang gore Jesu a lemoge moneelo wa motlholagadi yo o humanegileng? (b) Tlhwatlhwa ya madi a tshipi a motlholagadi e ne e le bokae?

16 Malatsi a le mmalwa morago ga moo, ka Nisane 11, Jesu o ne a le mo tempeleng letsatsi lotlhe, koo go neng ga belaelwa bolaodi jwa gagwe gone mme a araba dipotso tse di thata tse a neng a sa rulaganyetsa go di araba tse di malebana le makgetho, tsogo ya baswi, le dikgang tse dingwe. Gareng ga dilo tse dingwe, o ne a kgalela bakwadi le Bafarasai ‘go tsuputsa matlo a batlholagadi.’ (Mareko 12:40) Go tswa foo Jesu o ne a nna fa fatshe, go bonala a ne a nna mo Lelwapeng la Basadi, koo, go ya ka ngwao ya Sejuda, go neng go na le matlole a matlotlo a le 13. O ne a nna ka nakwana, a etse tlhoko fa batho ba ntse ba latlhela meneelo ya bone. Batho ba le bantsi ba ba humileng ba ne ba tla, gongwe ba bangwe ba batla go bonwa ba le tshiamo, tota le go batla go itshupa. (Bapisa Mathaio 6:2.) Jesu o ne a tlhoma matlho mo mosading mongwe. Matlho a motho fela a ne a ka se bone sepe se se sa tlwaelegang ka ene kana mpho ya gagwe. Mme Jesu, yo o itseng dipelo tsa ba bangwe, o ne a itse gore ke ‘motlholagadi wa mohumanegi.’ Gape o ne a itse gore mpho ya gagwe e ne e le bokae tota—“madinyana a le mabedi a tshipi, a a nang le tlhotlhwa e nnye thata.”b—Mareko 12:41, 42.

17. Jesu o ne a tsaya moneelo wa motlholagadi o le botlhokwa go le kana kang, ka gone ke eng se re se ithutang malebana le go neela Modimo?

17 Jesu o ne a bitsa barutwa ba gagwe, ka gonne o ne a batla gore ba iponele ka bobone thuto e a neng a tla tloga a e ruta. O “latlhetse go feta botlhe ba ba latlhelang madi mo matloleng a matlotlo,” Jesu o ne a bolela jalo. Go ya ka ene, o ne a tsentse go feta ba bangwe botlhe ba kopane. O latlhetse “gotlhe mo a neng a na le gone”—madi a gagwe a bofelo. Ka go dira jalo, o ne a dira gore Jehofa a mo tlhokomele. Ka gone motho yo o neng a tlhophiwa e le sekao sa go neela Modimo ke yo mpho ya gagwe e neng e se ya boleng gotlhelele. Le fa go ntse jalo, mo matlhong a Modimo e ne e le tlhwatlhwakgolo!—Mareko 12:43, 44; Jakobe 1:27.

Go Ithuta Pono ya ga Jehofa ya Tirelo e e Dirwang ka Moya Otlhe

18. Ke eng se re se ithutang ka tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi ba babedi ka yone?

18 Ka tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi bano ba babedi ka yone, re ithuta dithuto tse di kgothatsang tse di malebana le kafa Jehofa a lebang tirelo e e dirwang ka moya otlhe ka teng. (Johane 5:19) Jesu ga a ka a bapisa motlholagadi yono le Marea. O ne a tsaya madi a tshipi a mabedi a motlholagadi yono a le botlhokwa fela jaaka a ne a dira ka lookwane lwa ga Marea lo lo “tlhotlhwa e e kwa godimo thata.” E reka mosadi mongwe le mongwe wa bone a ne a ntsha bojotlhe jwa gagwe, mo matlhong a Modimo dimpho tsa bone di ne di le tlhwatlhwakgolo. Ka jalo fa o nna le maikutlo a go inyatsa ka gonne o sa kgone go dira sotlhe se o batlang go se dira fa o direla Modimo, o se ka wa latlhegelwa ke tsholofelo. Jehofa o itumelela go amogela gotlhe mo o ka go abang. Gakologelwa, Jehofa “o leba pelo,” ka jalo o lemoga sentle se pelo ya gago e se eletsang.—1 Samuele 16:7.

19. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go bapisa se ba bangwe ba se dirang mo tirelong ya Modimo?

19 Tsela e Jehofa a lebang tirelo e e dirwang ka moya otlhe ka yone e tshwanetse ya tlhotlheletsa tsela e re lebanang le e re tshwaranang ka yone. A bo go tla bo go sa bontshe lorato jang ne fa re tshwaya maiteko a ba bangwe phoso kana re bapisa tirelo ya motho yo mongwe le ya yo mongwe! Ka maswabi, Mokeresete mongwe o ne a kwala jaana: “Ka dinako tse dingwe ba bangwe ba dira gore o akanye gore motho a ka tswa e le mmulatsela kana e se sepe. Rona ba re lekang go tswelela pele re le baboledi ‘fela’ ba Bogosi ba ba tlwaelegileng re tshwanetse go ikutlwa le rona re le botlhokwa.” A re gakologelweng gore ga re a tshwanela go dira tshwetso malebana le tirelo ya Mokeresetekarona e e dirwang ka moya otlhe. (Baroma 14:10-12) Jehofa o rata tirelo e e dirwang ka moya otlhe ya mongwe le mongwe wa baboledi ba Bogosi ba ba ikanyegang ba ba dimilionemilione, mme le rona re tshwanetse go dira jalo.

20. Gantsi go molemo thata fa re akanya eng ka baobamedikarona?

20 Le fa go ntse jalo, go tweng fa go lebega gore bangwe ba dira se se kwa tlase ga se ba ka se kgonang mo bodireding? Go wela ga tiro ya modumedikarona kwa tlase go ka nna ga bontsha bagolwane ba ba amegileng gore o tlhoka go thusiwa kana go kgothadiwa. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore ba bangwe, tirelo e e dirwang ka moya otlhe e ka tshwana thata le madinyana a tshipi a motlholagadi go gaisa lookwane lo lo tlhwatlhwa e kgolo lwa ga Marea. Go molemo thata go akanya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba rata Jehofa le gore lorato loo lo tla ba tlhotlheletsa gore ba dire go le gontsi—e seng go le gonnye—go ba ka go kgonang. Eleruri ga go na motlhanka ope wa ga Jehofa yo o nang le segakolodi yo o ka tlhophang go dira go le gonnye thata mo go direleng Modimo!—1 Bakorintha 13:4, 7.

21. Ke tiro efe e e duelang e batho ba le bantsi ba e dirang, mme ke dipotso dife tse di bodiwang?

21 Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi ba Modimo, tirelo e e dirwang ka moya otlhe e kaya go dira tiro e e duelang thata—bodiredi jwa bobulatsela. Ba amogela masego afe? Mme go tweng ka rona ba re iseng re kgone go bula tsela—re ka bontsha moya wa go bula tsela jang? Dipotso tseno di tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E re ka Mathiase a ne a emisetsa Judase e le moaposetoloi, leina la gagwe—e seng la ga Paulo—le tshwanetse la bo le ne le bonala mo go lengwe la maje a motheo a le 12. Le mororo Paulo e ne e le moaposetoloi, e ne e se mongwe wa ba ba 12.

b Madi ano otlhe e ne e le lepton, madi a mannye thata a tshipi a Sejuda a a neng a dirisiwa ka nako eo. Di-lepton tse pedi di ne di lekana le 1/64 ya tuelo ya letsatsi. Go ya ka Mathaio 10:29, ledi la tshipi la assarion (le le lekanang le di-lepton di le robedi), motho o ne a ka reka dithaga di le pedi ka lone, tse e neng e le dingwe tsa dinonyane tse di tlhwatlhwa e e kwa tlase thata tse di neng di jewa ke bahumanegi. Ka jalo motlholagadi yono o ne a humanegile thata, ka gonne o ne a na le sephatlo fela sa madi a a neng a tlhokega go reka thaga e le nngwe fela, a sa lekane go reka sejo se le sosi.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke eng se se kaiwang ke go direla Jehofa ka moya otlhe?

◻ Setshwantsho se se mo go 1 Bakorintha 12:14-26 se bontsha jang gore Jehofa ga a re bapise le ba bangwe?

◻ Ke eng se re se ithutang ka go ntsha ka moya otlhe mo mafokong a ga Jesu malebana le lookwane lo lo tlhwatlhwa e e kwa godimo thata lwa ga Marea le madinyana a mabedi a tshipi a motlholagadi?

◻ Tsela e Jehofa a lebang tirelo e e dirwang ka moya otlhe ka yone e tshwanetse ya tlhotlheletsa jang tsela e re lebanang ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Marea o ntshitse bojotlhe jwa gagwe, ka go tlotsa mmele wa ga Jesu ka lookwane lo lo “tlhotlhwa e e kwa godimo thata” lo lo nkgang monate

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Madi a tshipi a motlholagadi—a boleng jo bo kwa tlase thata mme a le tlhwatlhwakgolo mo matlhong a ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela