Lebokoso la Dipotso
◼ Mmoledi yo o sa kolobediwang o tshwanetse go tla dipokanong ka lobaka lo lo kae le go nna le seabe mo bodireding ka lobaka lo lo kae gore a tshwanelegele kolobetso?
Go kolobediwa ke tshwetso e e botlhokwa thata e motho a e dirang. Ka jalo, pele ga motho a tshwanelega go kolobediwa, o tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo se Modimo a batlang a se dira. Mo godimo ga moo, o tshwanetse a bo a setse a bontsha gore o iketleeditse go tshela ka melao ya Modimo.
Bakeresete ba laetswe gore ba se ka ba tlogela go kopana mmogo, ka jalo, mmoledi yo o sa kolobediwang o tshwanetse a bo a setse a bontsha tlhoafalo ka go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. (Baheb. 10:24, 25) Gape o tla bontsha seo ka go akgela mo dipokanong. Ga go pelaelo gore o tla kwadisiwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, le fa seno e se selo se se dirang gore a tshwanelege go kolobediwa.
Mo godimo ga moo, e re ka Bakeresete ba neilwe taelo ya go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa, mmoledi yo o sa kolobediwang o tshwanetse go nna le seabe ka metlha mo bodireding pele ga a kolobediwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) O tshwanetse go rera ka dikgwedi di le kae pele ga a ka kolobediwa? Gantsi o tshwanetse go newa nako e e lekaneng gore a bontshe gore tota o ikemiseditse go nna le seabe ka metlha le ka tlhoafalo mo bodireding kgwedi le kgwedi. (Pes. 78:37) Le fa go ntse jalo, morago ga go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, ga go a tshwanela gore go tseye lobaka pele a tshwanelegela go kolobediwa, gongwe go ka tsaya dikgwedi di le mmalwa. O tshwanetse go bega diura tse kae mo bodireding jwa tshimo? Ga go na melao e e tlhomilweng ya diura tse a tshwanetseng go di bega. Bagolwane ba tshwanetse go sekaseka maemo a mmoledi mongwe le mongwe le go nna tekatekano.—Luke 21:1-4.
Bagolwane (kgotsa batlhanka ba bodiredi ba ba mo diphuthegong tse di nang le bagolwane ba le mmalwa) ba ba tlhatlhobang mmoledi yo o yang go kolobediwa, ba tshwanetse go gakologelwa gore batho ga ba tshwane mme ba tshwanetse go dirisa temogo fa ba swetsa ka gore a o tshwanelegela go kolobediwa. Ba tshwanetse go bona gore a o na le keletso ya go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le go bontsha gore o anaanela tshiamelo e a nang le yone ya go kopanela le phuthego ya ga Jehofa le go nna le seabe mo bodireding. Bagolwane ba a tlhaloganya gore ga a ise a gole semoyeng kgotsa gore ga a na kitso e mmoledi yo o nang le lobaka a kolobeditswe a nang le yone. Fa bagolwane ba bona gore mmoledi ga a tshwanelege go ka kolobediwa, ka bopelonomi ba tshwanetse go mo itsise ka mabaka a Dikwalo a go bo ba dirile tshwetso eo le go mo thusa gore a bone thuso ya semoya.