Letlole la Dipotso
● Pele ga mmoledi yo o sa kolobediwang a ka amogelwa gore a kolobediwe, o tshwanetse a bo a na le nako e e kana kang a nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo?
Motho yo o tshwanelegang jaaka mmoledi yo o sa kolobediwang o a bo a setse a bontshitse ka ditsela tse di farologaneng kafa a eletsang thata ka gone go ka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. (Pes. 110:3) Go ithuta ga gagwe Dikwalo ka tlhoafalo go fetotse tsela eo a akanyang ka yone, boikutlo jwa gagwe, le tsela eo a tshelang ka yone. E re ka seithuti se se ntseng jalo sa Bibela se se tlhoafetseng se na le keletso e e tswang pelong ya go itumedisa Jehofa le go dira thato ya Gagwe, o kopanela ka metlha le batho ba ga Jehofa kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tsa potologo, le kwa dikopanong tsa kgaolo. (Baheb. 10:24, 25) Mo godimo ga go nna gone ka metlha kwa dipokanong tse di ntseng jalo tsa Bokeresete, go ka diragala gore seo se bo se setse se mo tlhotlheleditse go tswa pelong gore a bolele tumelo ya gagwe phatlalatsa ka go dira dikakgelo kwa dipokanong, mme gongwe o setse a ikwadisitse mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo.—Pes. 40:9, 10; omTN ts. 73.
Fa fela seithuti sa Bibela se sena go amogela boammaaruri mme se bontsha gore se anaanela eletota kafa molaetsa wa Bogosi o leng botlhokwa ka gone, a ka nna a nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo. Eno ke yone tiro e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa. (Math. 24:14; 28:19, 20; omTN ts. 111) Malebana le ntlha eno, mmoledi yo o tshwarang thuto eo mmogo le bagolwane ba na le boikarabelo jo bo masisi jwa gore ba tlhomamise gore botshelo jotlhe jwa motho yoo yo o ithutang bo dumalana le melaometheo ya Bokeresete. O tshwanetse a bo a eletsa ka mmatota go ka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e bile a anaanela tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa.—Bagal. 6:6; wTN88 11/15 ts. 17; omTN dits. 98-9,174.
Ga go tlhokafale gore go tseye nako e teleletelele thata go tloga ka nako eo seithuti sa Bibela se tshwanelegelang go nna le seabe le rona mo bodiheding go ya go fitlha ka nako eo a kgonang go itlhagisa go ka kolobediwa mo metsing ka yone. Go tla go fitlha jaanong botshelo jwa gagwe bo setse bo dumalana ka botlalo le melaometheo ya Bokeresete, mme le fa go ntse jalo o tlhaela boitemogelo mo bodiheding jwa phatlalatsa. O tshwanetse a fiwa nako e e lekaneng ya gore a bontshe gore o ikemiseditse ka tlhomamo go ka nna le seabe ka metlha le ka tlhoafalo mo bodiheding jwa tshimo.—Pes. 40:8; Bar. 10:9,10,14,15.
Ka nako eo motho a setseng a siametse go ka kolobediwa ka yone, go ka diragala thata gore o tla bo a nna le seabe ka metlha mo go abalaneng mafoko a a molemo le ba bangwe, a senya go feta ura e le nngwe fela kana di le pedi fela mo tirelong ya tshimo kgwedi nngwe le nngwe. (wTN84 6/1 ts. 8 ser. 2) Legale, go tshwanetswe ga tlhatlhobiwa maemo a motho mongwe le mongwe ka namana yoo o kopang go kolobediwa, go sa lebalwe maemo a gagwe a botshelo, dingwaga tsa gagwe, dikgoreletsi tsa gagwe, jalo le jalo. Bagolwane ba tla tshwanelwa ke gore ba latele kaelo eno eo ba e neelwang mo tsebeng 175 ya buka ya Bodihedi jwa Rona: “Kgatlhego ya rona e mo go bao dipelo tsa bone di sekametseng kwa go Jehofa le bao ba tlhalogantseng boammaaruri jwa motheo jwa Bibela. Ka thuso ya lona e e lorato, bao ba kolobediwang ba tla kgothadiwa le go thusiwa go tsena mo bodiheding jwa Bokeresete, ba ipaakantse ka mo go lekaneng go fitlhelela kabelo eo e e botlhokwa.”—Math. 16:24; Yoh. 4:34; 1 Pet. 2:21.