“Ke Tla Tsaya Dikgatiso Tsa Gago Fa o Ka Tsaya Tsa Me”
Ka dinako tse dingwe beng ba matlo ba akantsha jalo. E re ka re sa ananye dikgatiso tsa rona tsa go ithuta Baebele ka dikgatiso tsa bodumedi tse di anamisang maaka, re ka ba araba jang ka botlhale? (Bar. 1:25) Re ka nna ra re: “Ke a leboga. Mme gone kgatiso eo ya reng ka tharabololo ya mathata a batho? [Mo letle gore a arabe. Fa a go kopa gore o bale kgatiso ya gagwe gore o bone karabo, o ka mo gakolola gore ga o a ka wa mo naya kgatiso o sa mo tlhalosetsa gore e bua ka eng. Go tswa foo bala kgotsa o nopole Mathaio 6:9, 10.] Jesu o ne a bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng. Ka jalo, dikgatiso tsa bodumedi tse ke di balang fela ke tse di tlhalosang ka Bogosi jwa Modimo. A nka go bontsha go tswa mo Baebeleng dilo dingwe tse Bogosi jwa Modimo bo tla di dirang?”