LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/13 ts. 1
  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Hosea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Hosea
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boporofeti Jwa ga Hosea bo re Thusa go Tsamaya le Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Buka ya Bibela ya bo 28—Hosea
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tsamaya le Modimo Mme o Robe se se Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 11/13 ts. 1

Tsayang Baporofeti e le Sekao—Hosea

1. O ka tswa o kile wa ipotsa potso efe?

1 ‘Ke iketleeditse go itima dilo dife gore ke direle Jehofa?’ Gongwe o kile wa ipotsa potso eo fa o ne o tlhatlhanya ka bomolemo le boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bogolo. (Pes. 103:2-4; 116:12) Hosea o ne a dira ka go rata dilo tse Jehofa a neng a mo laela gore a di dire le fa seo se ne se tlhoka gore a itime dilo dingwe mo botshelong. Re ka etsa Hosea jang?

2. Re ka etsa jang sekao se se molemo sa ga Hosea sa go itshoka mo tirong ya go rera?

2 Rera ka Paka ya Matshwenyego: Molaetsa wa ga Hosea o ne o lebisitswe thata kwa bogosing jwa ditso di le lesome tsa Iseraele, kwa kobamelo ya boammaaruri e neng e batla e fedile gone. Kgosi Jeroboame II o ne a dira selo se se makgapha mo matlhong a ga Jehofa mme a tsweletsa pele kobamelo ya namane e e neng e simolotswe ke Jeroboame I. (2 Dikg. 14:23, 24) Dikgosi tse di neng tsa latela di ne tsa dira gore bogosi jwa ditso di le lesome bo tswelele bo wa semoyeng go fitlha kgabagare bo senngwa ka 740 B.C.E. Mme le fa kobamelo ya maaka e ne e atile, Hosea o ne a tswelela ka boikanyegi e le moporofeti ka dingwaga di ka nna 59. A le rona re iketleeditse go rera dingwaga di ntse di latelana, tota le fa batho ba sa kgatlhege kgotsa ba re ganetsa?—2 Tim. 4:2.

3. Botshelo jwa ga Hosea bo ne jwa tshwantshetsa boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa jang?

3 Tlhoma Mogopolo mo Kutlwelobotlhokong ya ga Jehofa: Jehofa o ne a laela Hosea gore a nyale “mosadi wa kgokafalo.” (Hos. 1:2) Tota le fa mosadi wa gagwe e bong Gomere a ile a mo tsholela ngwana wa mosimane, moragonyana go lebega a ile a tshola bana ba bangwe ba babedi ka monna o sele. Go iketleetsa ga ga Hosea go itshwarela mosadi wa gagwe go ne go tshwantshetsa boutlwelobotlhoko jo bogolo jwa ga Jehofa mo Baiseraeleng ba ba sa utlweng fa ba ne ba ikwatlhaya. (Hos. 3:1; Bar. 9:22-26) A re iketleeditse go beela kwa thoko dilo tse re di ratang e le gore re itsise batho ba mefuta yotlhe ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa?—1 Bakor. 9:19-23.

4. Dingwe tsa dilo tse re ka di itimang gore re direle Jehofa ke dife?

4 Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ne ba tlogela ditiro tse di duelang madi a mantsi gore ba fetse nako e e oketsegileng mo bodireding. Ba bangwe ba tlhophile go nna ba sa nyala kgotsa go se nne le bana gore ba tsweletse dilo tse di direlwang Bogosi pele. Fa re akanya ka botshelo jwa ga Hosea, re ka nna ra ipolelela jaana, ‘Nna ke ne nka se dire se a se dirileng.’ Le fa go ntse jalo, fa re ntse re anaanela le go feta bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa e bile re ikaega ka moya wa gagwe o o boitshepo gore o re nonotshe, a ka re dirisa ka ditsela tse re neng re sa di akanya, fela jaaka a dirisitse Hosea.—Math. 19:26; Bafil. 2:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela