LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/14 ts. 2-3
  • ‘Phutha Batho’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Phutha Batho’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Reetsa Mme o Ithute
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikopano Tsa Rona Tsa Kgaolo—Bosupi jo bo Maatla Jwa Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 4/14 ts. 2-3

‘Phutha Batho’

1. Dikopano tsa kgaolo le tsa ditšhabatšhaba di tshwana jang le kokoano e e sa lebalesegeng ya Baiseraele e e nnileng gone nakwana fela fa ba sena go tswa kwa Egepeto?

1 Nakwana fela morago ga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto, Jehofa o ne a laela Moshe gore a “phuthele batho” kwa Thabeng ya Sinai gore ba ye go utlwa mafoko a Gagwe gore ba tle ba mmoife le go ruta bomorwaabone ditsela tsa Gagwe. (Dute. 4:10-13) A bo eo e tshwanetse ya bo e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng le e e nonotshang tumelo jang ne! Mo dikgweding di sekae tse di latelang, batho ba ga Jehofa ba tla phuthega kwa dikopanong tsa kgaolo le tsa ditšhabatšhaba go ya go rutwa ke Jehofa. Re tshwanetse go dira eng gore re solegelwe molemo ka botlalo?

2. Re tshwanetse go dira eng gore re ‘iketleeletse’ kopano ya rona ya kgaolo?

2 ‘Iketleeletseng’: Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba ‘iketleeletse’ kokoano eo e e sa lebalesegeng kwa Thabeng ya Sinai. (Ekes. 19:10, 11) Ka tsela e e tshwanang, ga se fela batho ba ba nang le seabe mo thulaganyong ya kopano ba ba tshwanetseng go ipaakanyetsa yone sentle mme botlhe ba ba yang kopanong ba tshwanetse go dira jalo. Ka sekai, ba le bantsi ba tla tlhoka go rulaganya gore ba tseye malatsi kwa tirong. Gongwe seemo sa gago se tshwana le sa ga Nehemia. O ne a batla go tlogela tiro ya gagwe ya go nna motsholasenwelo wa ga Kgosi Aretaserese, gore a ye kwa Jerusalema go ya go thusa go aga mabota sesha mme o ne a itse gore go ka direga gore kgosi e gane. Nehemia o ne a rapela mme morago ga foo a tlhalosetsa kgosi kopo ya gagwe ka bopelokgale a dirisa mafoko a a a akanyeditseng sentle. Kgosi e ne ya mo letla gore a tsamaye ya ba ya tshegetsa tiro ya go aga! (Neh. 2:1-9) Mo godimo ga go kopa nako ya go ya kopanong mo mothaping wa gago, a o tlhomamisitse dithulaganyo tsa gago tsa loeto le tsa marobalo? Bagolwane ba tla itumelela go thusa ope fela yo o ka tswang a tlhoka thuso. Dira dithulaganyo tsa go fitlha e sa le gale kwa thulaganyong nngwe le nngwe mme o iketleeletse go ‘ela tlhoko go feta kafa go tlwaelegileng’ dilo tse o tla di utlwang.—Baheb. 2:1.

3. Ke eng se se tla re thusang go etleeletsa dipelo tsa rona go siamela thulaganyo ya kopano?

3 Karolo e nngwe e e botlhokwa ya go iketleeletsa e akaretsa go etleeletsa dipelo tsa rona gore re kgone go reetsa le go ithuta. (Esera 7:10) Thulaganyo ya kopano e tla tsenngwa e sa le gale mo Web site ya jw.org mme go tla bo go na le lenaane la ditlhogo tsa dipuo tsotlhe, mmogo le temana e le nngwe kgotsa di le pedi tsa konokono tsa puo nngwe le nngwe. Eno ke tshedimosetso e e molemo e e ka dirisiwang ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa mo dibekeng tsa pele ga kopano ya rona ya kgaolo. Baboledi bangwe ba printa thulaganyo ba bo ba e dirisa go kwala dintlha tse dikhutshwane ka nako ya kopano.

4. Batsadi ba ka dirisa jang kopano go ruta bana ba bone?

4 ‘Ruta Bomorwao’: Boikaelelo bongwe jo bo tlhalositsweng jwa kopano ya kwa Thabeng ya Sinai e ne le gore batsadi ba Baiseraele ba kgone go ‘ruta bomorwaabone.’ (Dute. 4:10) Kopano e dira gore batsadi ba nne le tshono e e molemo ya go dira se se tshwanang. Batsadi ba tshwanetse go nna le bana ba bone ka nako ya thulaganyo le go ba thusa gore ba reetse. Kwa bofelong jwa letsatsi lengwe le lengwe le ka nako ya kobamelo ya lelapa, malapa a ka tlotla mmogo ka thulaganyo ya kopano.

5. Re tla solegelwa molemo jang ke go nna teng kwa kopanong e e tlang?

5 Kopano e e sa lebalesegeng ya kwa Thabeng ya Sinai e ile ya thusa Baiseraele gore ba anaanele tshiamelo ya bone e e tlhomologileng ya go nna batho ba Modimo. (Dute. 4:7, 8) Kopano ya rona e e tlang, e diretswe gore e re solegele molemo ka tsela e e tshwanang. Ka malatsi a le mararo, re tla kgona go tswa mo lefatsheng le le setlhogo la ga Satane mme re itumelele botsalano jo bo lapolosang le jo bo agang jwa semoya mo paradaiseng ya rona ya semoya. (Isa. 35:7-9) E re ka letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, a re se ka ra fetwa ke tshono eno ya go kopana mmogo le go kgothatsana!—Baheb. 10:24, 25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela