Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Bontsha Kafa Thuto ya Baebele e Tshwarwang ka Gone ka Buka ya Baebele e Ruta Eng?
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Batho ba bantsi ba ka tswa ba sa tlhaloganye se re se kayang fa re re re tshwarela batho dithuto tsa mahala tsa Baebele. Ba ka tswa ba akanya gore ba tshwanetse go ikopanya le setlhopha sengwe go ithuta kgotsa go tsenela dikhoso dingwe. Go na le go ba bolelela fela gore re tshwarela batho thuto ya Baebele, goreng o sa ba bontshe gore e tshwarwa jang? O ka dirisa metsotso e le mmalwa, tota le fa o eme mo kgorong, go bontsha motho gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang le gore go motlhofo go ithuta.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a o tla a dirang go simolola thuto ya Baebele.—Bafil. 2:13.
Leka go bontsha mong wa ntlo gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa lwela go bontsha mongwe bidio ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? bobotlana gangwe fa o le mo bodireding.