A o Kile wa Bontsha Kafa Thuto e Tshwarwang ka Teng mo Loetong Lwa Ntlha?
Fa o ithaopa go ithuta Baebele le beng bangwe ba matlo, ba bolela gore ga ba kgatlhege kgotsa ba ithuta Baebele kwa kerekeng ya bone. E re ka ba sa itse gore re ithuta Baebele ka tsela e e farologaneng le ya madumedi a mangwe, ga ba itse gore e ka nna maitemogelo a a sedimosang le a a itumedisang jang. Ka jalo, go na le go buelela fela thuto, ke eng fa o sa dirise metsotso e se kae go mmontsha thulaganyo ya go ithuta Baebele mo loetong lwa ntlha? Ka sekai: O se ka wa ba bolelela fela gore o itse go apaya mme o tla boa gape o ba tlisetsa dijo tse o di apeileng; ba utlwise gore di utlwala jang gone fela foo! Seno ke se o ka se dirang mo metsotsong e se kae fela, o dirisa kakantsho e e theilweng mo tsebe 5 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2006.
“A o akanya gore go tla tla nako e mafoko ano a tla diragadiwang ka yone? [Bala Isaia 33:24 mme o mo letle gore a arabe.] Mma ke go bontshe sengwe se se kgatlhang ka kgang eno.” Neela mong wa ntlo buka ya Baebele e Ruta Eng? mme o mo lebise mo serapeng sa 22 mo tsebeng ya 36. Bala potso e e kwa tlase mo tsebeng eo, o bo o kopa mong wa ntlo go senka karabo fa o ntse o bala serapa. Go tswa foo, botsa potso gape mme o reetse fa mong wa ntlo a akgela. Bala temana e nngwe le ene. Botsa potso e o tla e arabang mo loetong lo lo latelang mme o dire dithulaganyo tsa go boela tse di tlhomameng. O sa tswa go simolola thuto ya Baebele!