Go Simolola Dithuto ka Boroutšhara Jwa Re Direng
1 Dipego tse di tswang lefatsheng lotlhe di bontsha gore boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? ke sedirisiwa se se maatla sa go ruta batho boammaaruri. Go simololwa dithuto tsa Baebele di le diketekete beke le beke ka boroutšhara jono. A o setse o kile wa atlega go simolola le go tshwara thuto ya Baebele ka boroutšhara jwa Re Direng?
2 Le fa ba le bantsi ba go fitlhela go le motlhofo go tsamaisa boroutšhara jono, bangwe ba go fitlhela go le thata go itse gore ba reng gore ba tle ba simolole thuto. Ke mekgwa efe e bangwe ba e fitlhetseng e atlega go simolola dithuto tsa Baebele ba dirisa boroutšhara jwa Re Direng? Dikakantsho tse di latelang di tshwanetse tsa thusa fela thata.
3 Ithaopele go Bontsha Kafa Thuto e Tshwarwang ka Teng: Fa o etile lekgetlo la ntlha kana e le loeto lwa go boela, go na le gore re bolelele mong wa ntlo fela gore re ka rata go ithuta le ene Baebele, re ka nna ra mmontsha kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng. Seno se tla tlosa go akabala le go tlhobaela tse beng ba matlo gantsi ba nnang le tsone fa ba utlwa lefoko “thuto.” Fa re setse re ithutile go bontsha gore e tshwarwa jang, re tla fitlhela gore ka go dira matseno a makhutshwane fela, re ka kgona go tlhamalalela fela kwa thutong.
4 Go Baakanyetsa go Botlhokwa Thata: Fa re baakanyeditse sentle, he re tla tlhagafalela go simolola dithuto tsa Baebele. Go baakanyetsa go sa le gale go tla re thusa go fenya go okaoka gope fela mo re ka nnang le gone fa re tshwanetse go nna le seabe mo tirong ya go ruta Baebele. Fa re nna re boaboeletsa puisano ya rona, re tla kgona go e bua ka tsela ya go tlotla, re itlhalosa ka tshosologo e bile re bua ka mafoko a rona. Go dira jaana ga go ne go ritibatsa rona fela mme gape go tla ritibatsa le mong wa ntlo.
5 Fa re ikatisa, go a thusa gore re lebe gore re tsaya nako e e kana kang e le gore re ka bolelela mong wa ntlo gore go tla tsaya nako e kae go mmontsha kafa thuto e tshwarwang ka teng. Mokaulengwe yo mongwe fa a sena go ikitsise, a re: “Ke tlile jaana go go bontsha thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele mahala. Go tsaya metsotso e le metlhano fela. A o na le metsotso e le metlhano?” Thuto 1 ya boroutšhara jwa Re Direng e ka tshwarwa mo metsotsong e ka nna metlhano. Gone mme, go ka balwa dikwalo tse di rileng fela mo nakong eno, mme ka go fetsa thuto ya ntlha mo metsotsong e le mmalwa, mong wa ntlo o kgona go nna le thuto ya ntlha. Mme mo itsise gore fa o boa go tla go ithuta Thuto 2, o tla tsaya metsotso e le 15 fela.
6 Puisano e e latelang e itshupile e atlega tota:
◼ “Ke tla rata go go bontsha tsela e e motlhofo thata le e e bonako ya go ithuta Baebele mo legaeng la gago, o dirisa boroutšhara jono jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Bontsi jwa batho bo fitlhetse gore mo metsotsong e le 15 fela ka beke mo dibekeng di le 16 ba ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa Dikwalo mo dipotsong tse di botlhokwa tseno tsa Baebele.” Ka bokhutshwane mmontshe diteng tsa yone. Fa o bula mo go Thuto 1, e re: “Fa o ka re neela metsotso e ka nna metlhano, re ka rata go go bontsha gore e tshwarwa jang. Thuto 1 e na le setlhogo se se reng ‘Kafa o ka Itseng ka Gone Gore Modimo o Batla Eng.’” Morago ga moo, bala dipotso tse tharo mme o tlhalose dinomoro tse di mo masakaneng. Bala serapa 1 mme o bontshe mong wa ntlo gore a ka bona jang karabo ya teng. O ka nna wa kopa mong wa ntlo gore a bale serapa 2. Mme o bo o re: “Go ya ka tshedimosetso eno, o ka araba jang potso eno? [Bala potso gape, mme o letle mong wa ntlo gore a arabe.] O tla lemoga gore go na le ditemana mo serapeng sengwe le sengwe. Di dira gore re ele tlhoko karabo ya Baebele ya dipotso tseno. Ka sekai, a re bale 2 Timotheo 3:16, 17 mme re bone gore a e tshegetsa karabo ya gago malebana le gore ke mang yo o kwadileng Baebele.” Fa lo sena go bala serapa 3, lo sekasekile potso e bile lo badile Johane 17:3, dira gore mong wa ntlo a bone gore o ithutile go le kana kang ka go tlhatlhoba Thuto 1. Fa o fitlha fano o ka bula mo go Thuto 2 mme o bale potso ya bofelo, “Ke ditsela dife tse pedi tse re ka ithutang Modimo ka tsone?” Mme o botse jaana: “O tla nna leng le metsotso e ka nna 15 gore re ithute Thuto 2 mme re bone karabo ya seno?”
7 Go botlhokwa go se raraanye motlotlo wa lona mme o akgole mong wa ntlo fa go kgonega. Fa o rulaganya loeto lo lo latelang, go na le gore o mmotse gore a o tla rata go tswelela pele, mo kgothaletse fela go latela thulaganyo yone eo mo thutong e e latelang. Mo itsise gore o lebile pele go boa gape. Baboledi bangwe ba ne ba ithaopela go tshwara thuto ka thelefouno fa go sa kgonege go dira dithulaganyo tse di siameng. Gape o ka nna wa kgothaletsa moithuti gore a beye boroutšhara jono mo lefelong le le bolokesegileng, le le gaufi gore bo bo bo le gaufi fa o tla gape.
8 Ikemisetse: Le fa gone selo se se botlhokwa se se go thusang go atlega e le go baakanyetsa, re tshwanetse go ikemisetsa go boa gape. Go tshwara thuto ka metsotso e le mmalwa fela e ka nna kgwetlho tota, ka jalo ikemisetse go boaboeletsa puisano ya gago gantsi kafa go tlhokegang ka gone gore o kgone go bua ka thelelo fa o bontsha motho kafa thuto e tshwarwang ka teng. Leka go bontsha mongwe le mongwe fela yo o kopanang le ene mo ntlong, ka tsela e e sa tlwaelegang le fa o neela bosupi ka thelefouno kafa thuto e tshwarwang ka teng. Fa o sa kgone go simolola thuto ya Baebele, o se ke wa kgobega marapo. Gore o atlege go simolola dithuto tsa Baebele go tlhoka gore o ikemisetse le gore o nne le keletso e e tswang pelong ya go ruta ba bangwe boammaaruri.—Bagal. 6:9.
9 Ka go dirisa dikakantsho tseno, le wena o ka nna le tshiamelo ya go thusa mongwe go tsena mo tseleng e e yang botshelong, ka go simolola le go tshwara thuto ya Baebele ka boroutšhara jwa Re Direng.—Math. 7:14.