Dirisa Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo go Ruta
1. Boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo bo kwadilwe jang?
1 Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July e ne ya tlhalosa gore boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ke sengwe sa didirisiwa tsa botlhokwa tse re di dirisang go ruta batho Baebele. Ditemana tsa Baebele ga di a nopolwa, ka jalo, mong wa ntlo a ka di bala ka tlhamalalo mo Baebeleng. Boroutšhara jono bo farologana le dikgatiso tse dingwe ka gonne jone bo diretswe gore mong wa ntlo a se ka a bo ithuta a le nosi. Ka jalo, fa re bo naya motho, re tshwanetse go leka go mmontsha gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang gore a kgone go bona kafa go itumedisang ka gone go ithuta dikgang tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng.—Math. 13:44.
2. Re ka dirisa jang boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo fa e le la ntlha re kopana le motho?
2 Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha: O ka nna wa re: “Ke go etetse jaana ka gonne batho ba ipotsa gore go direga eng ka lefatshe leno. A o akanya gore maemo a tla nna botoka? [Mo letle a arabe.] Baebele e na le dikgang tse di molemo tse di ka re nayang tsholofelo. Tseno ke dingwe tsa dipotso tse Baebele e di arabang.” Mo neye boroutšhara o bo o mo kopa gore a tlhophe potso e le nngwe go tswa mo go tse di kwa khabareng e e kwa morago. Go tswa foo, dirisa serapa sa ntlha go mmontsha kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone. Kakantsho e nngwe ke go botsa mong wa ntlo potso go tswa mo thutong e wena o batlang go e buelela, go tswa foo, o bo o mmontsha kafa boroutšhara jono bo ka mo thusang ka gone gore a bone karabo e e mo Baebeleng. Baboledi bangwe ba tshamekela mong wa ntlo bidio nngwe mo jw.org fa e le gore bidio eo e tsamaisana le thuto e ba e buelelang.
3. Tlhalosa gore o ka tshwara jang thuto o dirisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo.
3 Kafa o ka Tshwarang Thuto ka Gone: (1) Bala potso e e kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng go thusa mong wa ntlo gore a tlhome mogopolo mo ntlheng ya botlhokwa. (2) Bala serapa se se latelang. (3) Bala ditemana tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng, mme o mmotse dipotso ka botlhale go mo thusa go bona kafa Baebele e arabang potso eo ka gone. (4) Fa go na le serapa se sengwe gape mo tlase ga potso eo, boeletsa kgato 2 le 3. Fa bidio e tsamaisana le potso mme o ise o e tshamekele mong wa ntlo, dira jalo fa o ntse o bua le ene. (5) Kwa bofelong, mmotse potso e e fa godimo go tlhomamisa gore o e tlhaloganya sentle.
4. Ke eng se se tla re thusang gore re kgone go nna le botswerere jwa go dirisa boroutšhara jono sentle?
4 Itlwaetse go dirisa boroutšhara jono mo bodireding. Bo dirise nako le nako fa maemo a go letla. Pele o ya go tshwara thuto ya Baebele, akanya ka moithuti le ka tsela e e molemolemo ya go mmontsha mabaka o dirisa ditemana tse di mo setlhogong se lo ithutang sone. (Dia. 15:28; Dit. 17:2, 3) Fa nako e ntse e ya mme o nna le maitemogelo, boroutšhara jono bo ka nna jwa feleletsa e le sengwe sa didirisiwa tse o di ratang thata fa o ruta batho boammaaruri!