Dikai Tsa Dipuisano
Tora ya Tebelo April 1
“Re naya mongwe le mongwe mo lefelong leno pampitshana eno. [Naya mong wa ntlo pampitshana ya O Leba Baebele Jang? o bo o mmotsa potso e e ka fa ntle. Mmontshe gore Baebele e araba potso eno jang mo go 2 Timotheo 3:16, o bo o mo kgothaletsa go bala pampitshana eo fa a na le nako.] Batho ba bantsi ga ba itse gore Baebele e na le dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di jaaka eno. [Mmontshe dipotso tse di tlhagang mo setlhogong sa ntlha sa Tora ya Tebelo.] Makasine ono o bontsha kafa o ka bonang dikarabo ka gone mo Baebeleng ya gago.”
Tsogang! April
“Re etela batho ka bokhutshwane ka gonne ba le bantsi ba tshwenngwa ke dilo tse di diregang mo malapeng bosheng jaana. Mo dingwageng tse di fetileng, batsadi e ne e le bone ba laolang mo malapeng, mme gone jaanong bana ke bone ba ba laolang. A o akanya gore batsadi ba kgalema bana ba bone jaaka ba tshwanetse? [Mo letle gore a arabe.] Baebele ya re go kgalemela bana go botlhokwa. [Bala Diane 29:17.] Makasine ono o tlhalosa kafa Baebele e leng tekatekano ka gone mo kgannyeng ya go kgalemela bana.”