Go Neela Bosupi Phatlalatsa
Go lemogilwe gore go neela bosupi re dirisa tafole kgotsa kolotsana ya dikgatiso go thusa batho go tla mo boammaaruring. (Joh. 6:44) Ka jalo, bagolwane ba kgothaleditswe go rulaganya bodiredi jwa phatlalatsa mo mafelong a batho ba fetang ka bontsi mo go one mo tshimong ya phuthego ya lona. E re ka dikolotsana tseno di sa nnele ruri mo lefelong le le lengwe, ga go tlhokege gore re kope tetla mo balaoding. Di ka dirisiwa ke bomang? Ke baboledi ba ba nang le temogo, seriti le bokgoni jwa go simolola metlotlo. Dilo tse di latelang ke tse baboledi ba tshwanetseng go di dira le tse ba sa tshwanelang go di dira gore ba atlege.