Bodiredi Jwa Mmila jo bo Nang le Matswela
1. Tsela e le nngwe e re ka etsang Jesu ka yone ke efe?
1 Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu ga a ka a okaoka go bua le batho ba a neng a kopana le bone mo ditseleng le mo mafelong a mangwe a batho botlhe. (Luke 9:57-61; Joh. 4:7) O ne a batla go bolelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng ka molaetsa wa gagwe o o botlhokwa. Gompieno, bodiredi jwa mmila ke tsela e e molemolemo ya go thusa batho gore ba nne le botlhale jwa bomodimo. (Dia. 1:20) Re tla atlega le go feta fa re ya kwa bathong le go dirisa temogo.
2. Go tsaya kgato pele go ya kwa bathong go akaretsa eng fa o le mo bodireding jwa mmila?
2 Tsaya Kgato Pele: Gantsi go botoka go ya kwa bathong go na le go ema kgotsa go nna mo lefelong le le lengwe o bo o emela gore batho ba ba fetang e nne bone ba tlang kwa go wena. Nyenya o bo o lebe batho mo matlhong mme o ritibale le go nna botsalano. Fa o bereka le baboledi ba bangwe, gantsi go molemo go atamela batho o le nosi. Gape o tla tlhoka go dira maiteko a go batla tsela ya go bua gape le batho ba ba bontshitseng kgatlhego. Fa go tshwanela, fa o sena go tlotla le motho, mmotse ka maitseo gore o ka ikgolaganya jang le ene gape. Baboledi bangwe ba dira bodiredi jwa mmila mo lefelong le le lengwe ka metlha, seno se dira gore ba kgone go bua le batho ba le bangwe gangwe le gape le go tsweletsa kgatlhego ya bone pele.
3. Re ka dirisa jang temogo fa re dira bodiredi jwa mmila?
3 Dirisa Temogo: Akanyetsa dilo ka botlhale fa o swetsa ka gore o tla ema kae le gore o tla bua le batho bafe fa o dira bodiredi jwa mmila. Ga go tlhokege gore o bue le mongwe le mongwe yo o fetang. Nna podimatseba. Ka sekai, fa motho a itlhaganetse, go ka nna molemo gore o mo tlogele a fete. Fa lefelo le o neelang bosupi mo go lone le le fa pele ga lefelo la kgwebo, nna kelotlhoko gore o tile go dira gore manejara wa kgwebo eo a ngongorege go sa tlhokege. Gantsi go botoka go neela batho bosupi fa ba tswa mo lefelong leo la kgwebo go na le go bua le bone fa ba tsena mo go lone. Atamela batho ka tsela e e se kitlang e ba tshosa kgotsa e ba gakgamatsa. Gape dirisa temogo fa o neela batho dikgatiso. Fa batho ba sa bontshe kgatlhego e e kalo, o ka nna wa ba neela pampitshana go na le go ba neela dimakasine.
4. Ke eng fa bodiredi jwa mmila e le karolo e e nang le matswela le e e itumedisang ya go neela bosupi?
4 Bodiredi jwa mmila bo dira gore re anamise dipeo di le dintsi tsa boammaaruri mo nakong e e khutshwane. (Mor. 11:6) Batho bangwe ba re kopanang le bone e ka nna ya bo e le batho ba re sa kgoneng go ba fitlhela kwa magaeng a bone fa re dira bodiredi jwa ntlo le ntlo. Ke eng fa o sa dire dithulaganyo tsa go nna le seabe mo bodireding jwa mmila, jo e leng karolo ya tirelo ya tshimo e e itumedisang le e e nang le matswela?