Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Bosupi Jwa Mmila
1 Diane 1:20 ya re: “Botlhale o kuèla godimo mo mmileñ; o ntsha lencwe ya gagwè mo dipatleloñ.” Mafoko ano a boammaaruri gompieno segolobogolo jaaka fa batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi ka tlhagafalo gongwe le gongwe fa ba kgonang go bona batho gone. Fela jaaka fa Jesu a ne a dira le baperofeti ba metlha ya pele ga Bakeresete, lorato lwa rona lwa mmatota mo bathong lo re tlhotlheletsa gore re bolelele mongwe le mongwe boammaaruri, gongwe le gongwe.—Yer. 11:6; Mar. 6:56; Luke 13:22, 26.
2 Lemororo legae la motho gantsi e le lone lefelo le le eletsegang thata la go bua le ene ka boammaaruri, ga se batho botlhe bao ba leng gone mo gae fa re dira maeto a ntlo le ntlo. Fa beng ba magae ba le kwa gae, gantsi ke ene motho yo re buileng le ene pele yo o tlang go re bulela mo mojakong, mme maloko a mangwe a lelapa ga a kgone go fitlhelelwa. Ka gone, go neela bosupi jwa mmila e tshwanetse ya nna selo se se tlhomameng mo bodiheding jwa rona. O ka nna wa fitlhela gore go neela bosupi jwa mmila, jaaka fa mmulatsela mongwe a ne a go bolela, “ke tshimo e e kgatlhisang, e e lapolosang, le eo e go dirang gore o ikutlwe o le kwa gae.”
BOIKUTLO JO BO BOTHITHO LE JO BO TLHOMAMENG
3 Ke ka ntlha yang fa o sa leke go neela bosupi jwa mmila mo lefelong le le lengwe ka metlha? Kgaitsadi mongwe yo o dirang jalo o bolela gore o tlwaelane le beng ba le bantsi ba mabenkele le batho ba bangwe bao ba leng mo mmileng wa “gagwe” gangwe le gape. Go ne ga simololwa kamano e e molemo eo e neng ya bulela tsela metlotlo e le mentsi ya Bibela e e nang le matswela. Mmulatsela yo o thusang yo o ipelelang bosupi jwa mmila ka botlalo o ne a bolela gore o leka go atamela batho bao ba tsamayang ba lebeletse dilo tseo di rekisiwang ka difensetere, batho bao ba dutseng mo dipalangweng tsa bone, batho bao ba letetseng dibese, tota le eleng bao ba neng ba gana mo nakong e e fetileng. Go tlhokega bopelokgale le katlholo e e molemo e le gore re nne pelokgale le gore re kgone go tlhotlheletsa ba bangwe, mme lefa go ntse jalo re se ka ra nna batho bao ba gatelelang thata lefa motho a sa batle.
4 Selo sa konokono seo se thusang motho gore a nne le bokgoni mo bosuping jwa mmila ke gore a nne le tsela e e bothito, e e itumedisang, le e e tswang pelong ya go atamela batho. Nyenya. Leka go ngoka kgatlhego ya motho fa o ka kgona, mme fa o sa kgone, tswelelapele o mo atamele ka tsela e e botsalano. Lebelela maemo, mme o a dirise. Kgaitsadi mongwe o lebeletse basadi bao ba neng ba rwele dikgetsi tseo di neng di na le dilo tseo ba tswang go di reka mme a bolela jaana, “Ke a bona gore lo tswa go reka dijo. Di ja madi a mantsi tota malatsi ano. Lo akanyang ka dijo dingwe tseo di kgothatsang thata tsa mogopolo le pelo? Ke ne ka itumelela setlhogo seno . . . .” Mo mothong yo o nang le bana, o bolela jaana, “Ke a bona gore o na le bana ba babedi ba bantle. A o ne o itse gore Bibela e bolela gore bana ke mpho eo e tswang kwa Modimong? Bona, mma ke go bontshe . . . .” Fa a atamela motho yo o akantseng kgakala, o bolela jaana, “Ke a bona gore o akantse ka sengwe. Lefatshe leno le tletse ka mathata a mantsi gompieno, a ga go jalo? A o akanya gore go tla tsamaya go tla nako eo mo go yone . . . ?”
5 Fa motho a taboga mo mmileng, o ka nna wa mo neela fela pampitshana mme o mo reye o re, “Ke go tsholetse fano mafoko a a molemo ao o ka a balang fa o na le nako.” Fa batho ba sa bonale ba itlhaganetse, ba neele dimakasine. Go molemo go naya batho dibuka nako nngwe le nngwe fa go kgonega.
6 Baboledi ba le bantsi bao pele ba neng ba tshaba bosupi jwa mmila jaanong ba bo leba jaaka mofuta o o monate tota wa go rera. Gone ke boammaaruri gore, go tshwanetse ga nniwa kelotlhoko fa go berekwa mo dikarolong tse di kotsi kana ka dinako tse dingwe fa go sa sireletsega. Tota le eleng le mo ditoropong tse dinnye, gantsi go na le dikarolo tse di tshwaregileng thata, mafelo a dipalangwa tsa botlhe, kana mafelo a phatlalatsa a go emisa dijanaga koo batho ba ka kgonang go atamelwa ka mafoko a a molemo. Dirisa tshono, mme ka botlhale a lentswe la gago le ntshe mafoko a a molemo mo mebileng le mo mafelong ao botlhe ba fetang mo go one, e le gore bao ba utlwang ba segofadiwe le gore Jehofa a tlotliwe.—Dia. 1:20.