Dirisa Dikarolo Tsa Buka ya Baebele e Ruta Eng
Fa motho a ithuta Baebele mme a bo a dirisa se a ithutang sone, tumelo ya gagwe e a nonofa a bo a atamalana thata le Modimo. (Pes. 1:1-3) Re ka thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba dirise dikarolo dingwe tsa buka ya Baebele e Ruta Eng.
Dipotso Tse di Kwa Tshimologong ya Setlhogo: Kgaolo nngwe le nngwe e simolola ka dipotso tse di tla arabiwang mo setlhogong. O ka botsa dipotso tseno mme o sa lebelele gore moithuti a di arabe, e le fela gore a eletse go itse dikarabo tsa tsone. Kgotsa o ka mo kopa gore a di arabe ka bokhutshwane fela. Fa a sa di arabe sentle, ga o tlhoke go mmolelela gore karabo ya gagwe e phoso. Dikarabo tseo tsa gagwe di tla go thusa gore o lemoge gore ke dintlha dife tse o tlhokang go di gatelela fa lo ithuta.—Dia. 16:23; 18:13.
Dintlha Tse di Oketsegileng: Fa moithuti a tlhaloganya e bile a dumela dintlha tse lo ithutang tsone, o ka mo kgothaletsa fela gore a bale dintlha tse di oketsegileng ka nako e nngwe. Fa o boela kwa go ene, o ka tsaya metsotso e se kae go bona gore a o di tlhalogantse sentle. Mme gone, fa o bona gore dintlha tseo di tla mo thusa, o tshwanetse go dirisa metsotso e se kae ka nako ya thuto go sekaseka dintlha tse di oketsegileng kgotsa karolo nngwe fela ya tsone ka go bala dirapa le go botsa dipotso tse o di baakanyeditseng go sa le gale.
Lebokoso la Poeletso: Lebokoso leno le na le dintlha tse di arabang dipotso tse di kwa tshimologong ya setlhogo. O ka le dirisa go tlhomamisa gore moithuti o tlhaloganya dintlha tsa konokono le gore o kgona go di tlhalosa ka mafoko a gagwe. Bala dintlha tsotlhe le ditemana tse di umakilweng. Go tswa foo, kopa moithuti gore a dirise ditemana tseno go tlhalosa gore ke eng dintlha tseo di le boammaaruri.—Dit. 17:2, 3.