Etsa Morutisi yo Mogolo fa o Dirisa Buka ya Baebele e Ruta Eng?
1. Jesu o ne a ruta jang?
1 Morutisi yo Mogolo, e bong Jesu, ka dinako tsotlhe o ne a tlhalosa dilo ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang. Ka dinako tse dingwe Jesu o ne a dira gore bareetsi ba gagwe ba akanye ka go ba botsa pele gore ba leba dilo jang. (Math. 17:24-27) O ne a bontsha batho se se mo Lefokong la Modimo. (Math. 26:31; Mar. 7:6) O ne a ela tlhoko gore a se ka a naya barutwa ba gagwe tshedimosetso e ntsi thata ka gonne o ne a itse gore ba ne ba tla tswelela pele ba ithuta. (Joh. 16:12) Gape Jesu o ne a kgatlhegela go itse gore a barutwa ba gagwe ba ne ba dumela le go tlhaloganya se a neng a ba ruta sone. (Math. 13:51) Buka ya Baebele e Ruta Eng? e diretswe go re thusa go ruta ka tsela e e tshwanang.
2. Re ka dirisa dipotso tse di simololang tsa kgaolo nngwe le nngwe ka ditsela dife?
2 Dipotso Tse di Simololang: Fa o simolola kgaolo, go molemo go bontsha motho dipotso tse di simololang tse di kafa tlase ga setlhogo. Botsa dipotso tseo o sa lebelela gore seithuti se di arabe, gore se nne le keletso ya go batla go utlwa mo go oketsegileng. Kgotsa o ka nna wa mo kopa gore a akgele ka bokhutshwane ka dipotso tseo. Ga go tlhokege gore o tlotle ka dikakgelo tsa gagwe kgotsa o baakanye sengwe le sengwe se se seng boammaaruri se motho yono a se buileng. O ka nna wa mo lebogela go tlhalosa se a se akanyang o bo o simolola go sekaseka dintlha tsa thuto. Dikakgelo tsa gagwe ka dipotso tse di simololang di tla go thusa go itse gore a o tlhoka go gatelela karolo e e rileng ya thuto eo.
3. Re ka dira jang gore thuto e se ka ya raraana?
3 Dikwalo: Thuto e tshwanetse go theiwa mo Dikwalong. (Baheb. 4:12) Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore lo bale temana nngwe le nngwe e e umakilweng. Gatelela ditemana tse di bontshang mabaka a Dikwalo a dilo tse re di dumelang. Ditemana tse di nayang tshedimosetso e e oketsegileng ka se go tlotliwang ka sone di ka nna tsa se ka tsa tlhoka go balwa. Buka ya Baebele e Ruta Eng? e tlhalosa boammaaruri ka tsela e e sa raraanang. Dira gore thuto e se ka ya raraana. Tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono, mme o tile go bua thata ka dintlha dingwe kgotsa go bua ka dintlha tse dingwe tse di sa amaneng le se se ithutiwang.
4. Ke eng se se bontshang gore a re tshwanetse go ipha nako ka nako ya thuto go sekaseka tshedimosetso e e mo dintlheng tse di oketsegileng?
4 Dintlha Tse di Oketsegileng: Dintlha tse di oketsegileng di na le ditlhogo di le 14 tse di tshegetsang dintlha tsa konokono. Ga o patelesege go tlotla ka ditlhogo tseno ka nako ya thuto. Mo ditlhogong dingwe, o ka nna wa tlhopha go kgothaletsa seithuti sa gago go ipalela dintlha tseno, segolobogolo fa a tlhaloganya le go dumela tshedimosetso e e mo dintlheng tsa konokono. Ka sekai, fa seithuti se setse se dumela gore Jesu ke Mesia, go ka nna ga se tlhokege go tlotla le ene ka setlhogo se se reng “Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng” fa lo tlotla ka kgaolo 4, e e reng “Jesu Keresete ke Mang?” Ka dinako tse dingwe, go ka nna molemo go ipha nako ka nako ya thuto go tlotla ka dintlha tse di oketsegileng kgotsa karolo ya tsone.
5. Fa re tlhopha go sekaseka tshedimosetso e e mo dintlheng tse di oketsegileng, re ka dira seo jang?
5 Fa o tlhopha go tlotla ka dintlha tse di oketsegileng, o ka nna wa rulaganya dipotso go sa le gale le go bala dirapa le seithuti fela jaaka o dira fa lo sekaseka dintlha tsa konokono. Kgotsa go ikaegile ka gore seithuti se tlhoka eng, o ka nna wa tlhopha go ipha metsotso e se mekae ka nako ya thuto go boeletsa tshedimosetso eo le ene. Seno se tla dira gore o tlhomamise gore o tlhaloganya dintlha tse a di ipaletseng.
6. Lebokoso la poeletso le le kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe le ka dirisiwa jang?
6 Lebokose la Poeletso: Lebokose le le kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe le na le dipolelo tse gantsi di arabang dipotso tse di simololang. O ka dirisa dipolelo tseo go boeletsa dintlha tsa konokono tsa kgaolo. Baboledi bangwe ba fitlhetse go thusa go bala polelo nngwe le nngwe gongwe le ditemana tse di umakilweng le seithuti. Morago ga moo ba kopa seithuti go tlhalosa ka bokhutshwane gore ditemana tseo di bontsha jang gore dipolelo tseo di boammaaruri. Seno se dira gore morutisi a bone gore a seithuti se tlhaloganya sentle dintlha tsa konokono tsa thuto le kafa a di tshegetsang ka gone ka Baebele le gore a o dumalana le tsone. Gape se thapisa seithuti go dirisa Baebele go tlhalosetsa ba bangwe boammaaruri.
7. Re ka dirisa jang buka ya Baebele e Ruta Eng? go diragatsa thomo ya rona?
7 Tsela e e nang le matswela thata ya go diragatsa thomo ya rona ya go ruta batho le go dira barutwa ke go etsa mekgwa ya ga Jesu ya go ruta. (Math. 28:19, 20) Buka ya Baebele e Ruta Eng? e ka re thusa go dira seo. E dirise ka botlalo go ruta ba bangwe boammaaruri ka tsela e e utlwalang, e e sa raraanang le e e kgatlhang.