Itumelele go Ithuta Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?
1 Karolo nngwe e e neng e itumedisa mo Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Go Ikobela Modimo” e ne e le go gololwa ga buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Go ise go ye kae re tla bo re e dirisa ka botlalo mo bodireding jwa rona jwa tshimo, segolobogolo fa re tshwere dithuto tsa magae tsa Baebele. Ka jalo, re tshwanetse go tlwaelana sentle le buka eno e ntšha. Seno se tla kgonega ka gonne re tla bo re e ithuta kwa Thutong ya Buka ya Phuthego go simolola ka beke ya April 17, 2006.
2 Molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego o tla botsa dipotso tse di mo masimologong a kgaolo nngwe le nngwe. Morago ga moo thuto e tla tshwarwa go dirisiwa dipotso tse di mo tlase mo tsebeng. Go tla balwa ditemana tsa konokono le go tlhalosiwa, mme lebokoso la “Se Baebele e se Rutang” le le kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe le tla thusa go boeletsa dintlha tse di ithutilweng ka gonne lebokoso leno le na le dikarabo tsa dikwalo tsa dipotso tse di mo masimologong a kgaolo ya buka. O tla itumelela go araba ka gonne buka eno e tlotla dilo ka tsela e e utlwalang, e e motlhofo le e e kgatlhang.
3 Dintlha tse di oketsegileng tsa buka eno di tlhalosa ka ditlhogo tse di farologaneng. Re tla kgona go dirisa dintlha tseno fa diithuti tsa Baebele di tlhoka tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang nngwe e e rileng. Ka dinako tse dingwe go tla tlotliwa ka dikarolo tsa dintlha tseno tse di oketsegileng mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Dintlha tsotlhe tse di oketsegileng ka setlhogo sengwe di tla balwa ke yo o balang dirapa mo thutong ya buka, mme ditlhogo tse ditelele di ka nna tsa kgaoganngwa ka dikarolo. Ga go na dipotso tsa thuto mo dintlheng tse di oketsegileng. Mme molebedi a ka nna a botsa ba ba leng gone dipotso go gatelela dintlha tsa konokono.
4 Go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng? go tla tsamaya ka bonako mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Ga go a lebelelwa gore re tsamaye ka lobelo loo fa re ithuta buka eno le ba bangwe, segolobogolo fa ba na le kitso e potlana ya Baebele kgotsa ba se na yone. (Dit. 26:28, 29) Fa re tshwere dithuto tsa Baebele tsa magae, re tla tshwanelwa ke go tlotla ka dikwalo ka botlalo, re tlhalose ditshwantsho, jalo le jalo. Ka jalo ipeele mokgele wa go nna gone beke le beke le go nna le seabe ka botlalo fa re ithuta buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?