BOTSHELO JWA BOKERESETE
Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona Mo Bodireding—Go Thaya Motheo wa Loeto Lwa go Boela
GORENG GO LE BOTLHOKWA:
Re batla go nosetsa peo e re e jalang ya boammaaruri. (1Bak 3:6) Fa re kopana le motho yo o kgatlhegang, go molemo gore re mo tlogele ka potso e re tla e arabang fa re boa. Seno se tla dira gore a lebe pele go go bona e bile se tla go thusa gore o kgone go baakanyetsa sentle. Fa re boa, re ka mmolelela gore re tlile go araba potso e re neng ra mo tlogela ka yone.
SE O KA SE DIRANG:
Fa o baakanyetsa go ya bodireding ka ntlo le ntlo, baakanyetsa le potso e o tla e tlogelelang mong wa ntlo. E ka nna potso nngwe le nngwe e e arabiwang mo kgatisong e o e tsamaisang. Kgotsa e ka nna potso e e arabiwang mo kgatisong nngwe e re tshwarang dithuto ka yone, e o batlang go mo e tlisetsa fa o boa.
Fa o fetsa go tlotla le motho yo o nang le kgatlhego, mmolelele gore o eletsa go tlotla le ene gape o bo o mo tlogela ka potso e o e baakanyeditseng. Fa go kgonega, tsaya tshedimosetso ya go ikgolaganya le ene.
Fa o mo solofetsa gore o tla boela kwa go ene ka nako e e rileng, dira jalo. —Mat 5:37.